Faele tsweletso ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
LENAANE
Karolo ya a - molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Motheo wa semolao wa molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Popegotheo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo wa rona.
Thulaganyo ya molaotheo.
Lenaane kgolagano.
Karolo ya B - Dikopano
Karolo ya C - Puisano
Karolo ya D - Molawana wa boitshwaro
Karolo ya E - Matlotlo
Molaotheo wa mokgatlo-tsamaiso wa sekolo
Palo
Tlhaloso
Dirilwe
Motheo wa semolao wa molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Popegotheo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Ditlhaloso tsa tiro
Thulaganyo ya molaotheo
Lenaane la kgolagano
Motheo wa semolao wa molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo ya-18 ya molao wa dikolo wa Afrika Borwa (84 of 1996) e tlhoka gore sekolo sengwe le sengwe se tlhame molaotheo, se be se o romele kwa lefapheng la Thuto. Maikemisetso a dokumente eno a tlhalosa mokgwa oo Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ka boona o yang go tsamaisa merero ya ona ka teng. Molaotheo wa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ke maikemisetso a a botlhokwa kantlha a tlamela ka maatla a semolao go amogela ditsamaiso tse dingwe.
Diteng tse di tlhokegang
Diteng-potlana tse di tlhokegang tsa molaotheo wa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo di tlhalosiwa mo karolong ya 18 ya molao wa dikolo wa Afrika Borwa:
Molaotheo o go akanngwang ka ona mo karolongpotlana ya e tshwanetse go tlamela ka:
(a) Kopano ya mokgatlho-tsamaiso bonnyane gangwe mo pakeng nngwe le nngwe;
(b) dikopano tsa mokgatlho-tsamaiso le batsadi, baithuti, barutabana le batlhankela be bangwe ba sekolo ka tatelano, bonnyane gangwe ka ngwaga;
(c) go boloka le go tshola metsotso ya dikopano tsa mokgatlho tsamaiso;
(d) go dira gore metsotso eo e nne teng malebana le go tlhatlhobiwa ke Tlhogo ya lefapha le
(e) go neela pegelo ka ditiro tsa yone bonnyane gangwe ka ngwaga kwa batsading ba bangwe ba sekolo.
Diteng tse di atlanegisitsweng
Dokumente e tshwanetse go ya pele go gaisa diteng-potlana fa e le gore e tshwanetse go soboloka molao oo maleba, mme e bile fa e le gore e tshwanetse to nna setlhopha se se dirang ka botlalo sa melao malebana le go dira ga mokgatlho-tsamaiso wa sekolo go atlenegisiwa diteng tlaleletso tse di latelang:
Tshoboloko ya maatla le ditiro tsa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo (lebelela thata dikarolo tsa 20 le 21 tsa molao wa dikolo wa Afrika Borwa)
Popegotheo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo jaaka e tlhalosiwa ke karolo ya bo 38 wa molao wa dikolo wa Afrika Borwa, le lekwalodikgang la porofensi le ditsela tse di tshwanetseng go salwa morago fa go tladiwa diphatlhatiro.
Seabe le maikarabelo a beng ba dikantoro tsa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo (lebelela karolo ya bo 29 molao wa dikolo wa Afrika Borwa)
Mofuta wa dikomiti tse di tlhamilweng ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo (lebelela karolo ya 30)
Melao ee tsamaisang dikopano tsa ngwaga le tse di tlwaelegileng
Mokgwa wa go mametlelela molaotheo.
Diteng tse di seng ka fa molaong
Diteng tsotlhe di tshwanetse go tlhagisa ditumelo tsa molaotheo wa Bosetšhaba le ka molao, segolobogolo molao wa dikolo wa Afrika Borwa. Ke jalo diteng dingwe le dingwe tse di kgethololang mo phatlalatseng kgotsa mo sephiring ga di a dumelelwa.
Kwa Kapa bokone dokumente e e botlhokwa ke "The Provincial Gazette Notice 60 of 2000". Yone e tlhalosa melao ya selegae le popegotheo le ditiro tsa mokgatho-tsamaiso ya dikolo. Lenaane le le neetsweng fano le tsamaisana le dokumente eno. Dokumente eno e tlhalosa popegotheo ya mekgatlho-tsamaiso ya dikolo kwa Kapa Bokone ka tsela e e latelang:
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Sekolo sa Proven ka baithuti ba le ka fatlase ga 160
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Poraemari ka baithuti ba ba fetang 160, fela ba le ka fa tlase ga
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Poraemari ka baithuti ba ba fetang
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Sekolo se se golwane ka baithuti ba le ka fa tlase ga 630
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Sekolo se segolo ka baithuti ba ba fetang 629
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Sekolo se se akaretsang kgotsa se se tshwaraganeng ka baithuti ba le ka fa tlase ga 500
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Baithuti
Palogotlhe
Sekolo se se akaretsang kgotsa se se tshwaraganeng ka baithuti ba ba fetang 499
TLHALOSO YA TIRO
Maemo: Monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Maikarabelo a: Maloko a sekolo le Tlhogo ya lefapha la thuto
Ditiro tse di botlhokwa go tiisa gore sekolo se na le molaotheo.
go epa dikopano le go di etelela pele.
go latela lenaane le go tiisa gore go na le tlhokomelo e e maleba mo dintlheng tsotlhe tse di mo lenaaneng.
tiisa gore ditshwetso tsotlhe tse di tserweng di a begiwa, mme ebile batho botlhe ba ba rweleng maikarabelo a ditiro tse di rileng ba a supiwa. (Ga go tlhokege gore ditshwetso di kwadiwe, di ka begiwa fela.)
go laola kopano.Tiisa gore mongwe le mongwe o neelwa sebaka sa go reediwa.
golagana le mokwaledi malebana le dikopano le manaane. O tshwanetse go tiisa gore manaane otlhe le metsotso yotlhe di neelwa maloko.
go emela mokgatlho-tsamaiso kwa ditirong tsa dikolo, dikopanong tsa thuto kgotsa kwa dikhonferenseng tsa makwalodikgang.
go thusa ka go supiwa ga batlhankela le go buisana le bona fa ba kopa tiro.
go thusa ka kgodiso ya matlole le go tiisa gore sekolo se na le matlotlo a a lekaneng.
go tiisa gore sekolo se na le setlankana sa maikemisetso seo se tsenngwang tirisong.
go tiisa gore mokgatlho-tsamaiso o tsamaya go ya ka ditlhokego tsa semolao.
go golagana le mogokgo.
go tiisa gore tlhagiso ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo e romelwa ngwaga mongwe le mongwe.
Ditlhokego tsa tiro go nna le kgono ya go rulaganya dikopano.
kgono ya go tlhaeletsana sentle le batho.
kgono ya go dira sentle mo setlhopheng/lekokong.
kgono ya go loga maano le go ela tlhoko.
kgono ya go thusa ka tlhabololo ya ponelopele ya sekolo.
TLHALOSO YA TIRO
Maemo: Mokwaledi
Maikarabelo a: Mokgatlho-tsamaiso le maloko a sekolo
Ditiro-dikgolo go tsamaisa dikopano.
go tiisa gore metsotso ya dikopano ea begiwa le go tsamaisiwa mo malokong pele ga kopano e e latelang.
Ene gammogo le monnasetilo le mogokgo ba tshwanetse go thala lenaane la dikopano le go le neela maloko.
go kwala fa fatshe metsotso ya dikopano.
go lekola gore dintlha tsotlhe mo lenaaneng di akareditswe.
go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa mokgatlho-tsamaiso.
go tiisa gore tshedimosetso yotlhe e fitlhellela maloko otlhe a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Ditlhokego tsa tiro
Dinonofo tse di siameng tsa tlhaeletsano.
Dinonofo tse di siameng tsa thulaganyo.
Dinonofo tse di siameng tsa go bega.
Kgono ya go dira mo setlhopheng.
TLHALOSO YA TIRO
Maemo: Ramatlotlo
Maikarabelo go: Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo le mogokgo
Ditiro tse di botlhokwa go thala tekanyetsokabo ya sekolo.
go laola tekanyetsokabo ya sekolo.
go rulaganya letlhare la go lekanya lotseno le ditshenyegelo.
go rulaganya pegelo ya matlotlo kwa bokhutlong ba ngwaga mongwe le mongwe.
go tiisa gore sekolo se na le matlotlo a a lekaneng.
go tiisa gore sekolo se na le ditsamaiso tse di matshwanedi tsa palotlotlo.
Ditlhokego tsa tiro
Dinonofo go dira dipalotlotlo kgotsa matlotlo.
Kgono ya go bega.
Kgono ya go tlhaeletsana.
Kgono ya go dira mo lekokong.
Kgono ya go golagana le batho ba ba kgakala.
Kgono ya go tswakana le batho.
Kitso malebana le dibanka le dipeeletso.
TLHALOSO YA TIRO
Maemo: Leloko
Makarabela go: Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo le mogokgo
Ditiro tse di botlhokwa go dira mo dikomiting-potlana le ditlhopheng tsa tiro.
go tsena dikopano.
go nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso le mo tharabololong ya mathata.
go thusa ka tlhatloso ya matlole.
go nna le kitso ka ga ditiragalo tsotlhe le tshedimosetso e e malebana le sekolo gammogo le thuto ka kakaretso.
Ditlhokego tsa tiro
Kgono ya go reetsa le go tlhaeletsana.
Kgono ya go loga maano le go tsenya tirisong.
Kgono ya go dira le batho ba bangwe.
Kgono ya go fitlhellela tshedimosetso le go e phatlalatsa.
MOKGATLHO TSAMAISO
Setempe sa sekolo
Letlha la go amogelwa ke Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ... Saenne ...
Letlha la go netefadiwa ke lefapha la thuto ... Saenne ...
Matseno
Go ya ka molao wa dikolo wa Afrika Borwa (SASA) ... sekolo se goeleditswe jaaka sekolo sa setshaba. Seno se kaya gore sekolo ke "motho wa molao" yo o nang le maemo a semolao go dira ditiro go ya ka molao wa dikolo wa Afrika Borwa. Molao ono o tlhoka gore sekolo sengwe le sengwe sa setshaba se nne le mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, o o tlhalosang metheo le melao eo sekolo se yang go dira ka yona. Setlankana seno se tlhalosa ka moo mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o yang go dira ka teng.
Ditlhaloso
Setlankana seno se ya go dirisa ditlhaloso tse di latelang.
Motsadi - Mogodi mongwe le mongwe ya o nang le tshwanelo ya semolao go tlhokomela moithuti.
Maithuti - motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng go amogela thuto kwa sekolong.
Morutabana - Mongwe le mongwe yo o thapilweng kwa sekolong go ya ka molao wa thapo wa barutabana.
Yo e seng morutabana - Motho yo o thapilweng ke sekolo mo maemong a mangwe ntle le a borutabana.
Leloko le le tlhophilweng - Motho mongwe le mongwe yo o tlhophilweng go dira go ya ka ditsamaiso tse di tlhalositsweng mo setlankaneng se.
Leloko le le nang le kemo - Mogokgo yo o tshwanetseng go dira mo mokgatlhong ka maemo a gagwe a semmuso.
Maloka a a akareditsweng - Motho yo o senang ditshwanelo tsa go tlhopha, mme a kopilwe go dira mo mokgatlhong-tsamaiso wa sekolo gore a tlamele ka tirelo e e kgethegileng.
Motho wa molao - setlhopha se se amogetsweng ke molao ka ditshwanelo le maikarabelo a a tlhalositsweng.
Maatla
Go ya ka Molao wa dikolo wa Aferika-Borwa tsamaiso ya sekolo ke maikarabelo a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.Go ya ka molao wa dikolo wa Aferika-Borwa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla:
a Tlhomamisa tsamaiso ya sekolo ya go amogela baithuti.
b Tlhomamisa tsamaiso ya puo ya sekolo.
c Tlhomamisa tsamaiso ya kobamelo ya sedumedi.
d Tlhomamisa molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong.
e Tlhomamisa phetogo le go pateletsa tuelo ya madi a sekolo a a duelelwang baithuti ke batsadi.
f Tsenela mekgatlho ya boithaopo e e emelang mekgatlho-tsamaiso ya dikolo tsa set?haba.
Ditiro
Go ya ka molao wa dikolo wa Aferika-Borwa mokgatlho-tsamaiso o tla:
a Ratloetsa dikgatlhegelo tse di siameng tsa sekolo le go lwela go tiisa kgolo ya yone.
b Amogela molaotheo c Tlhabolola tlhagiso ya tiro.
d Amogela molawana wa boitshwaro wa baithuti.
e Tshegetsa mogokgo, barutabana le batlhankela ba bangwe ba sekolo mo tiragatsong ya ditiro tsa bona tsa "seporofessionale".
f Tlhomamisa dinako tsa letsatsi la sekolo tse di tsamaelanang le maemo a a matshwanedi a go thapiwa ga batlhankela.
g Tsamaisa le go laola thoto ya sekolo, le dikago le mabala.
h Tlhotlheletsa batsadi, baithuti, le batlhankela ba bangwe go ithaopa mo ditirelong tsa sekolo.
i Atlanegisa go supiwa ga barutabana go mokwaledi wa lefapha la porofensi, go ikaegile mo molaong wa thapo ya barutabana wa 1994, le molao wa dikgolagano tsa badiri wa 1995 No.66.
j Atlanegisa go supiwa ga batlhankela go mokwaledi, mme go ikaegile mo molaong ditirelo tsa set?haba wa 1994 le molao wa dikgolagano tsa badiri wa 1995.
k Go letlelela tiriso e e utlwagalang ya didirisiwa tsa sekolo ka fa tlase ga maemo a a siameng malebana le manaane a thuto a a sa tsamaisiweng ke sekolo.
l Kopano bobotlana mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo.
m Tshola metsotso ya dikopano.
n O tlaa tlhagisa metsotso ya dikopano malebana le go tlhatlhobiwa ke tlhogo ya lefapha fa a kopiwa jalo.
O tlaa baakanya tekanyetso-kabo ya ngwaga le ngwaga.
p Tlhama le go tsamaisa letlole la sekolo moo madi otlhe a a amogelwang ke sekolo a yang go duelwa mo go lona.
q Oketsa lotseno kwa sekolong go akarediwa dikatso tsa boithopo ka tiriso ya madi ka mokgwa mongwe.
r Bula le go tshola palotlotlo ya banka.
s Baakanya kanego ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo.
t Dira gore dikanego tsa matlotlo tsa ngwaga le ngwaga di nne teng go tlhatlhobiwa fa a a kopiwa ke lekoko le le nang le kgatlhego.
u Begela batsadi, baithuti, barutabana le batlhankela ba bangwe ngwaga le ngwaga.
v Epa pitso ya dikopano tsa ngwaga le ngwaga ka tatelano le batsadi, barutabana le batlhankela ba bangwe.
Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o na le ditiro tse di latelang go ya ka karolo ya bo 21 ya molao wa dikolo wa Afrika Borwa.
Popego
Jaaka go neetswe gore sekolo se na le bana ba ba kwadisitsweng ba le ...
mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o na le popego e e latelang:
Mofuta wa sekolo
Mogokgo
Barutabana
Batsadi
Ba e seng barutabana
Baithuti
Ditlhopho a. Motsadi yo o thapilweng ke sekolo a ka seke a emela batsadi mo mokgatlhong-tsamaiso.
b. Lekgotla-kemedi la baithuti (RCL) le tshwanetse go tlhopha moithuti kgotsa baithuti bao ba yang go dira mo mokgatlhong-tsamaiso wa sekolo (fa e le gore sekolo se na le kereiti ya bo 8 kgotsa go feta)
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo se se tlwaelegileng sa set?haba o o tlamelang ka thuto go baithuti ba ditlhokego tse di kgethegileng, o tshwanetse fa go kgonega, go akaretsa motho kgotsa batho ba ba nang le botswerere malebana le ditlhokego tsa thuto e e kgethegileng tsa baithuti ba mothale oo.
d. Mokgatlho-tsamaiso o ka nna wa akaratsa leloko kgotsa maloko a set?haba go o thusa go diragatsa ditiro tsa ona.
e. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo sa setshaba o ka nna wa akeretsa mong wa thoto e e leng mo ka mo teng ga sekolo kgotsa maloko a a supilweng a beng ba mothale oo.
f. Maloko a akareditsweng ga a na ditshwanelo tsa go tlhopha mo mokgatlhong-tsamaiso.
g. Palo ya maloko a batsadi e tshwanetse go bopa palo e lenngwe go feta palogotlhe e e kopaneng ya maloko a mangwe a mokgatlho-tsamaiso ao a nang le ditshwanelo tsa go tlhopha.
h. Mogokgo wa sekolo e ka nna e le motshwaramarapo mo kopanong nngwe le nngwe e e biditsweng go tlhopha monnasetilo.
Nako ya leloko ya go dira mo mokgatlhong wa sekolo ga ea tshwanela go feta sebaka sa dingwaga di le 3.
j. Nako ya leloko le e santseng e le moithuti ya go dira mo mokgatlhong ga ea tshwanela go feta ngwaga.
k. Leloko kgotsa mong wa kantoro a ka tlhophiwa gape kgotsa go akarediwa morago ga gore paka ya gagwe ya tiro e ye bokhutlong, jaaka go tlaa tlhomamisiwa ke mabaka.
Ditiro a. Mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse, go tswa mo gare ga maloko a yona, go tlhopha beng ba dikantoro, bao ba tshwanetseng go akaretsa bobotlana monnasetilo, ramatlotlo le mokwaledi.
b. Leloko la Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo leo le santseng le le kwa tlase ka dingwaga ga le a tshwanela go emela sekolo, kgotsa go rwesiwa maikarabelo a botokololo ba gagwe mo mokgatlhong-tsamaiso. A ka seke a tlhopha fa go tsewa ditshwetso tseo di rwadisang makoko a mangwe kgotsa sekolo maikarabelo.
Ditiro tsa monnasetilo
Ke motsadi fela yo e leng leloko la mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, yo o sa thapiwang ke sekolo, a ka dirang jaaka monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo. Monnasetilo o tla nna motshwaramarapo mo dikopanong tsa mokgatlho-tsamaiso, mme ka ditherisano le mokwaledi, o tla epa pitso ya dikopano. Ditiro tse dingwe di tlaa akaretsa:
a. go baya monwana tlhomamiso ya metsotso ya nako e e fetileng.
b. go tiisa gore thulaganyo le tsamaiso ya kopano di tsamaya ka mokgwa o o rulagantsweng sentle e bile o sa kgoreletsege.
c. go letlelela maloko otlhe go nna le seabe.
d. fa go kgonega, a neele mokgatlho-tsamaiso wa sekolo ditshikinyo tsotlhe le ditlhagiso tsotlhe malebana le go tlhopha.
Ditiro tsa motlatsa-monnasetilo
Motlatsa-monnasetilo o tla tshwarelela monnasetilo fa a se yo, mme a dire ditiro tsotlhe tse di matshwanedi.
Ditiro tsa mokwaledi a. O tla tlhaeletsana kgabetsakgabetsa le monnasetilo.
b. Fa go kgonega o tla dira ka makwalo.
c. O tla rerisana le monnasetilo ka go bitsa dikopano.
d. O tla tsaya metsotso, mme e bile a tiisa gore ditlankana tsotlhe di bolokiwa sentle. Metsotso e tla tlhalosa tseno, mofuta wa ditherisano le ditshwetso tse di tserweng.
e. go tlamela leloko lengwe le lengwe ka tshedimosetso le thuso, jaaka go tlhokega.
Ditiro tsa ga ramatlotlo a. Ramatlotlo o rwele maikarabelo a ditsamaiso tsotlhe le ditherisano tse di malebana le lotseno la sekolo, ditshenyegelo gammogo le dithoto.
b. Mo seripeng sa bobedi sa ngwaga, ramatlotlo ka thusano le mogokgo le motlhankela wa matlotlo ka bobedi, o tshwanetse go baakanya le go neela mokgatlho-tsamaiso wa sekolo tekanyetsokabo ya ngwaga o o latelang malebana le go tlhomamisiwa ke bontsi ba batsadi mo kopanong-kakaretso ya ngwaga le ngwaga.
Ditiro tse dingwe di akaretsa:
c. Tshegetso e e tswelelang le thuso go motlhankela wa matlotlo.
d. go tlhatlhoba ka kelotlhako lotseno lwa kgwedi le ditshenyegelo.
e. go rwala maikarabelo a go duela melato ya sekolo.
f. go tiisa paakanyo le pego ya kanego ya matlotlo a kgwedi le kgwedi.
g. go golagana le babueledi ba sekolo ka thusano le motlhankela wa matlotlo.
h. go etelela pele pego ya tekanyetsokabo e e latelang gammogo le matlotlo.
Ditiro tsa motlhankela wa matlotlo
Mokgatlo-tsamaiso wa sekolo o tla supa ka go kwala motlhankela wa matlotlo go lebelela tsamaiso ya letsatsi le letsatsi ya madi.
Dikomiti
Mokgatlho-tsamaiso o ka:
a. Tlhama dikomiti tse di akaretsang komiti-khuduthamaga.
b. Supa batho ba e seng maloko a mokgatlho go tsena mo dikomiting tsa mothale o o go ya ka botswerere ba bona, fela leloko la mokgatlho-tsamaiso wa sekolo le tshwanetse go etelela pele komiti nngwe le nngwe.
c. Sekolo se tla tlhama dikomiti tse di latelang.
Dikopano a. Kopano ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo e tla tshwarwa bobotlana gangwe mo pakeng nngwe le nngwe.
b. Kopano e e amologaneng ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo e ya go tshwarwa bobotlana gangwe ka ngwaga le ditlhopha tse di latelang tsa banna-le-seabe; baithuti, batsadi, barutabana gammogo le batlhankela ba bangwe.
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla kopana kgabetsakgabetsa ka mokgwa o o latelang.
d. Kitsiso e ya go neelwa ka tsela e e latelang:
e. Lenaane le tla tlhomamisiwa ka tsela e e latelang:
g. Tse di latelang di tla tlhama palopotlana.
h. Fa kopano e buseditswe morago bobotlana malatsi a le 5, le fa e ka nna batho ba le bakae ba ba tlang ka letlha le lent?hwa, ba ya go tsewa jaaka palopotlana e e lekanetseng kopano eo.
Maloko a ka ikopa go tswa mo ditlherisanong ka fa tlase ga mabaka a a latelang:
j. Ditshwetso di ya go tsewa ka mokgwa o o latelang:
k. Batho ka tlhopha mo boemong ba ba bangwe fela fa tlhopho e diriwa ka mokgwa wa go kwalwa.
l. go direga eng fa ditlhopho/diboutu di lekana?
Kopano kakaretso ya ngwaga le ngwaga
Monnasetilo o tshwanetse go bitsa kopano-kakaretso ya batsadi botlhe bobotlana gangwe ka ngwaga. Batsadi ba tshwanetse go neelwa kitsiso ya bobotlana malatsi a le 30 a kopano eo. Maikemisetso a kopano e ya go nna a a latelang:
a. go swetsa ka bontsi ba batsadi ba ba tsenetseng kopano gore madi a sekolo a tla kgethisiwa.
b. Ramatlotlo o tla baakanya le go neela tekanyetsokabo ya ngwaga le ngwaga. Tekanyetsokabo e tshwanetse go lekanyetsa lotseno le ditshenyegelo tsa ngwaga.
c. Ramatlotlo o tla neela kopano dikanego tse di tlhatlhobilweng tsa matlotlo tsa ngwagatlola.
d. Monnasetilo wa komiti nngwe le nngwe o tla neela pego ka ditiro tsa komiti eo.
e. Monnasetilo o tla neela pego ka merero-kakaretso ya sekolo.
Palopotlana/khoramo mo kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga e tla nna ...% tsa batsadi ba sekolo kgotsa bobotlana ba batsadi ba le ...
Diphatlhatiro tsa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo a. Maloko a a eletsang go rola tiro a tla ela tlhoko tsamaiso e e latelang:
b. Maloko a ka kgotlhisiwa setlhako ka fa tlase ga mabaka a a latelang:
c. Re ka thiba jang diphatlha tsa maloko a a lebogileng tiro kgotsa a a kobilweng?
Mametlelelo ya molaotheo a. Go tla latelwa tsamaiso e e latelang gore go mametlelelwe molaotheo:
b. Go tla tlhokega bontsi bo bo latelang mo ditlhopheng go fetola molaotheo:
Lenaane kgolagano
SETLHOGO
LEINA
NOMORO YA KGOLAGANO
Mogokgo
Motlatsa
Monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Motlatsa monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Ramatlotlo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Mokwaledi wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Monnasetilo wa nako e e fetileng wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Ramatlotlo wa nako e e fetileng wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Mokwaledi wa nako e e fetileng wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Mokaedi wa tikologo
Motsamaisi wa Sedika
Kantoro ya ditlhokego tse di kgethegileng
Lefapha la thuto-kantoro ya tikologo
Lefapha la thuto-kantoro ya Porofensi
PAKA E E FETOGANG
Tlhagiso 6.11
Tlhaloso ka botlalo: fa mokgatlho-tsamaiso o sa dire ka tshwanelo.
Kgannyana ke eno go tswa mo sekolong se se neng sa tlhoma mokgatlho-tsamaiso mo nakonyaneng e e sa tswang go feta eo ne e le kgopolo e nt?hwa, mme ga go ope yo o neng a itse sentle gore e ya go dira jang. Batlhankela ba le bantsi ba re kwa tshimologong ba ne ba nagana gore sekolo se ne se neelwa batsadi bao ba neng ba itse go le gonnye ka ga thuto, gammogo le go baithuti ba ba neng ba ka lopa tirogae e nnye, dipaka tse di khutshwane le nako e ntsinyana ya metshameko le maitapoloso.
Maloko a mangwe a mokgatlho-tsamaiso o mont?hwa o o sa tswang go tlhophiwa a gakalogelwa a ikutlwa a se na thuto e e lekaneng mme e bile a se na tshepo malebana le maemo a bone. Ba bangwe ba ba neng ba tletse phisego le dikgopolo ba ikutlwile ba sa amogelesege jaaka e kete e ne e le matshosetsi mo maemong ao.
Mokgatlho-tsamaiso o ne wa tshwara kopano e lenngwe mo pakeng ya ntlha. Ntlha ya botlhano ma lenaaneng e ne e le pego e khutshwane go tswa go mogokgo. Polelo e lenngwe e kaile gore go bonagala go nna le tshegetso e nnye mo ditirong tsa metshameko mo sekolong. Leloko lengwe mo mokgatlhong-tsamaiso yo o neng a tsamaisa di-atletiki ka Labobedi thapama, o buile gore kwa tshimologong ya paka go bonagetse baithuti ba na le phisego, fela ba palelwa ke go tla kwa ikatisong. Mongwe wa maloko a baithuti o ngongoregile ka gore maloko a batlhankela ba ba rweleng maikarabelo a metshameko ga ba na kgono ya go katisa,mme e bile ba ne ba sa bone metshameko jaaka selo se se tlang pele. Morago ga metsotso e se mekae ya ditherisano (e ne e setse e le metsotso e le somaamararo morago ga ura ya bolesome bosigo), boto e ne ya swetsa ka gore kantlha ya fa metshameko e e kwa ntle ga lenaanethuto e baka maikutlo a a seng monate, mme e bile ka gore sekolo se ntse se sa fenye metshameko e le mentsi go le kalo, lenaane le le kwa ntle ga lenanathuso le tla phimolwa.
Seno se itsesitswe semmuso kwa sekolong dibeke di le pedi morago ga foo, fela ka nako eo tshedimosetso e ne ya dutla ka tsela ya magatwe. Morago ga kitsiso, mogokgo o ne a tshosiwa ke palo ya batlhankela, batsadi le baithuti ba ba neng ba galefile, bao ba iteleketseng kwa kantorong ya gagwe ba tuka bogale kantlha ya go phimolwa ga lenaane le le kwa ntle ga lenaanethuto. Bontsi ba baithuti bo amogetse gore bo ne bo se na tseno e e tlhomaneng fela bo ne bo itumelela thapama ya malatsi a bo ileng ka ona koo. Ba galefetse lebaka la gore motshameko o ne o tsewa e le tshenyo ya nako fela kantlha ya gore sekolo se ne se sa fenye meputso. Batsadi, tota le bao ba neng ba bontsha tshegetso e nnye mo nakong e e fetileng, ba ne ba tshwenyega gore bana ba bone ga ba na tiro ya kwa ntle, mme ba ya go ija fela go tloga fa sekolo se tswa go fitlha nako eo batsadi ba tlang go ba tsaya ka yone morago ga tiro. Batlhankela ba ne ba galefetse gore maiteko a bone a nako e e fetileng a ne a sa anaanelwe le ke baithuti, mogokgo kgotsa mokgatlho-tsamaiso. Maphata otlhe a sekolo a boleletse mogokgo ka tlhamalalo gore ga go a rerisanngwa le one.
Mogokgo o kopile gore mokgatlho-tsamaiso o kopane le boeteledipele ba baithuti, batsadi le batlhankela ba botlhe. Mo dikopanong tse tsotlhe di le tharo tseo, mokgatlho-tsamaiso o tlhalositse kwa tshimologong gore tiro eo e ne e tletse diphoso mme e bile ba simolola kwa tshimologong gape. Ditshikinyo tse dint?hwa di ne tsa bewa mo tafoleng, mme lenaane le lennye e bile le tiile le le kwa ntle ga thuto le ne la tlhongwa. Bontsi ba batsadi bo ne ba neela thuso ya bone go nna bakatisi. Batlhankela ba ne ba rulaganya gore dithuto-tlaleletso le maeto di ka seke tsa kgoreletsanya le metshameko. Baithuti ba ipofile gore ba tla di tsenela kgabetsakgabetsa.
Mokgatlho-tsamaiso o ne wa lemoga gore temakgang eno e ile pele go na le lenaane le le kwa ntle ga thuto. Thatathata bothata e ne e le tlhaelo ya tlhaeletsano. Kwa metseletseleng ya "dikopano tsa ditshwetso," mokgatlho-tsamaiso o thadile lenaane la ditshwetso leo le thusitseng sekolo go dira thologelo e e sa belaetseng.
Go tlhokega gore maphata otlhe a sekolo a nne le seabe mo go tseyeng ditshwetso. Santlha re tlhoka tumellano mo go reng sekolo se ikaelela eng go kgontsha bana ba rona go bona katlego: Maikaelelo le ditumelo tsa sekolo. Jaanong re batla maikemisetso le ditsamaiso tse di bonalang sentle gore mongwe le mongwe a tlhaloganye gore a ka fitlhelela jang maikaelelo ao. Sa boraro, batsamaisi ba sekolo ba tshwanetse go lebelela gore maikemisetso a ya go dira ka nnete.
Ditlhokego tsa tiro
Kgono ya go reetsa le tlhaeletsana.
Kgono ya togamaano le go diragatsa.
Kgono ya go dira le ba bangwe.
Kgono ya go tswakana le batho.
Faele-tsweletso ya Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
LENAANE
Karolo ya A - Molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo ya B - Dikopano
Thulaganyo ya lenaane
Thulaganyo ya metsotso
Metsotso ya dikopano
Lenaane la kopano e e lalelang
Karolo ya C - Dipuisano/Kgolagano
Karolo ya D - Molawana wa boitshwaro
Karolo ya E - Matlotlo
Metsotso ya dikopano tsa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Tlhaloso
Dirilwe
Thulaganyo ya lenaane
Thulaganyo ya metsotso
Metsotso ya dikopano
Lenaane la kopano e e latelang
GO TSAMAISA DIKOPANO
Go latela lenaane le go tsaya metsotso
Monnasetilo o tshwanetse go latela lenaane ka tlhokomelo. Mokwaledi o tshwanests go tsaya metsotso go ya ka ditlhogo tsa lenaane. Metsotso e ya go bega ditherisano, ditshwetso le batho ba ba maikarabelo. Monnasetilo le mokwaledi ba tla dira mmogo kgabetsakgabetsa go tiisa gore kopano e gatela pele sentle.
Go nna teng
Pego ya maina ka botlalo a bao ba leng teng mo kopanong.
Maswabi/Maitshwarelo
Lenaane la bao ba rometseng boitshwarelo go se kgoneng go tla. Bao ba sa romelang boitshwarelo ba bone ga ba tshwanela go akarediwa.
Metsotso ya kopano ya bofelelo
Mongwe le mongwe otshwanetse go dumela gore metsotso ya kopano ya bofelelo e nepagetse. Monnasetilo o tshwanetse jaanong go baya metsotso monwana. Ja go nale sengwe se se begilweng katsela e e fosagetseng, diphetogo di tshwanetse go diriwa pele ga fa monnasetilo a ka saenna metsotso.
Ditemana tse di runyang go tswa mo metsotsong
Ditiro le ditshwetso tse di dirilweng mo kopanong ya bofela di tshwanetse go salwa morago, mme e bile kgatelopele nngwe le nngwe kgotsa mathata a begiwe.
Dintlha
Lenaane la ditemakgang tse di yang go sekasekiwa mo kopanong eno.
Kakaretso
Ditlhogo dingwe le dingwe kgotsa dikitsiso tseo batho ba eletsang go di tlhagisa ka dinako dingwe tshekatsheko ya kopano e diriwa kwa bokhutlong.
Kopanong e e latelang
Maloko a kopano a swetsa ka letsatsi le le tshwanetseng, letlha, nako gammoga le lefelo la kopano e e tlang. Tshedimosetso eno e tsenngwa mo metsotsong go itsèse bao ba neng ba se mo kopanong.
THULAGANYO YA LENAANE
Letlha la kopano: Lefelo:
Kamogelo
Ba ba leng teng:
Ba ba kopileng boitshwarelo:
Ba ba se yong:
Metsotso ya kopano ya bofelo:
Ditemana tse di runyang:
Pego ya Megokgo:
Pego ya komiti ya matlotlo:
Ntlha ya 1
Ntlha ya 2
Ntlha ya 3
Dipuisano
Kakaretso
Letlha le nako ya kopano e e latelang:
THULAGANYO YA METSOTSO
Metsotso ya kopano ya Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
O o neng o tshwerwe ka la mo letsatsing 20
Lefela
Kamogelo
Ba ba leng teng:
Maitshwarelo:
Ba ba se yong:
Metsotso ya kopano ya bofelo: Tshikintswe ka diphetogo tse di latelang -
Tladiwa ke:
Ditemakgang tse di runyang Malebana le kgato
Pego ya ga mogokgo
- Tlamelo ya batlhankela
- Barutabana
- Ditlhabololo kwa sekolong
- Dikgatlego tsa barutabana le bana ba sekolo
- Ditemakgang tsa tshoganyetso
Malebana le kgatlo
Pego ya komiti ya matlotlo (lebelela pego e e gokeletsweng ya kgwedi le kgwedi)
Ntlhana ya 1
Ntlhana ya 2
Ntlhana ya 3
Dipuisano
Kakaretso
Letlha le nako ya kopano e e latelang:
Saennwe Letlha
Tlhaloso ka botlalo: Kopano ya ntlha
Le setlhopha se sent?hwa sa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo mme e bile le kopana lantlha. Ha go ope yo o itseng gore go simololwa kae ha go kwa kopano e yang teng mme mongwe a ba atshikinya gore mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o simolole ka ntlhana ya "Ditemakgang tsa nako e e fetileng". Setlhopha se latlhegile gotlhegotlhe, jaaka nngwe ya dintlhana e tlhoka gore tsamaiso mo dinakong tsa sekolo di ya go fetoga, mme e bile ga go ope yo o yang go letlelelwa go tswa mo setsheng sa sekolo ka nako ya boitapoloso. Barutabana ba tla ba ba solofelwa go nna mo tirong ka nako ya boitapoloso. Mogokgo o itsesitse komiti e nt?hwa gore seno se amogetswe ke mokgatlho-tsamaiso ya sekolo wa nako e e fetileng mmese tlhoka thebolo ya mokgatlho wa ga haana gore se tle se tsenngwe mo tirisong ka bonakonako.
Komiti e nt?hwa ga ea ka ya itshepa mo go lekaneng go gwetlha sengwe le sengwe mme ya dumallana le se mogokgo o se buang. Mo mosong o o latelang ke fa barutabana le baithuti ba bangwe ba tsholetsa ditlhabano. Barutabana ba ganne go dira tiro ka nako ya boitapoloso mme ba bantsi mme ba le bantsi ba tswa tota le ka setsha se sekolo ka nako eo. Baithuti ba ne ba tlola legora mme ba bangwe bone ba bula phatlha mo legoreng go tswa ka yone. Mogokgo ga a ka a nna le taolo mo temaneng eo. Jaanong ke fa a ikuela go mokgatlho-tsamaiso wa sekolo malebana le thuso.
Dipotso
Ke phoso efe eo mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o e dirileng?
Ke kgokololo efe eo ka e nayang mokgatlho-tsamaiso wa sekolo?
Temana eo e ka bo e rarabolotswe jang?
Tsaya karolo mo kopanong yotlhe gore ditshwetso di tsewe sentle.
Faele-tsweletso ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
LENAANE
Karolo ya A - Molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo ya B - Dikopano
Karolo ya C - Dipuisano
Metheo
Dikamano tsa mafapha
Makwolo go tswa kwa batsading
Makwalo go kwa barutabaneng lekwa baithuting
Makwalo a a rometsweng ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo ya D - Molawana wa boitshwaro
Karolo ya E - Matlotlo
Dikamano
Tlhaloso
Dirilweng
Metheo
Dipuisano tsa mafapha
Makwalo gotswa ka batsading
Makwalo go tswa kwa baithuting le kwa barutabaneng
Makwalo a a rometsweng ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
METHEO
Makwalo otlhe a a kwadilweng ka mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kgotsa monnasetilo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo a tshwanetse go bulwa kwa kopanong ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kwantle ga fa e tshwaelwe tshoganyetso.
Fa e le gore ke la tshoganyetso, mogokgo o tshwanetse go leka go romela lekwalo leo kwa go monnasetilo (ka go roma ngwana wa ga monnasetilo fa go tlhokega). Jaanong monnasetilo a ka bula lekwalo mme a ba a tsibogela diteng. Lekwalo le santse le tshwanetse go begiwa mo kopanong e e latelang.
Lekwalo le tshwanetse go tlanyiwa ka setempe sa sekolo mme letlha leo lekwalo le amogetsweng ka lona le tshwanetse go tlanyiwa kgotsa go kwalwa mo letlhareng la ntlha kwa godimo.
Dipuisano tsotlhe tse di kwadilweng tshwanetse di arabiwe ka go kwalwa mme khopi ya tsibogo e tshwanetse go gokelelwa mo lekwalong la ntlha.
Makwalo a tshwanetse ka dinako tsotlhe go kwalwa ka segalo se se bonolo, ke pego e e ka fa mokgweng mme e bile segalo se se ka mokgweng se tshwanetse go dirisiwa.
Fa lekwalo le rometswe kwa lefapheng, kgotsa foromo e tladitswe ka kopo ya lefapha, go tshwanetse ga bolokiwa pego ya letlha, leina le mo saeno wa motho yo o rwalelang lekwalo kgotsa foromo kwa lefapheng.
Fa lekwalo la ngongorego le amogelwa kwa ntle ga leina la mokwadi, le tshwanetse go tlhokomelwa le go bolokiwa, fela le a tshwanetse go tsibogelwa
Go kwadisa lekwalo le le romelwang
Setlhogo
Letlha
Leina la moamogedi
Tshaeno
Tlhaloso ka botlalo
Buisang ditlankana tse di latelang ka ditlhopha tsa lona mme le mekamekane le dipotso
LEKWALO LA 1
O amogetse lekwalo le le latelang go tswa kwa motsading
Rra
Morwadiake Poppy o ntse a sa kgone go dira tirogae ya gagwe lekgetlo la boraro mo bekeng eno kantlha ya fa a se na dibukakgakalolo tsa ikonomi le Palotlotlo. Ngwanake o solofelwa go arogana le ba bangwe mme ga go kgonege ka dinako tsotlhe. Go bana ba le babedi ba go solofetsweng gore ba arogane buka e lenngwe. Ga ba nne gaufi. Le kwa ntle ga foo ngwanake o tshwanetse go tshela mebila e le meraro pele a goroga kwa ngwaneng yo o nang le buka. Ga go a bolokesega gore a tsamae a le nosi. Gantsi a bolawa ke pelo e bile ga a phuthologe. Ke a solofela bana ba botlhe ba ba tsenang le ene ba ikutlwa fela jalo le bone. Rre Jones, e leng morutabana, a re bana ba dira maipato fela. Ka kopo tlhe dira sengwe ka tlhaelo ya dibukakgakololo mo sekolong.
Ka botsalano
LEKWALO 2
Sekolo se batla go dira kopo kwa tikologong/kgaolong malebana le nako ya go ruta ka nako ya maltsi a le supa a ditlhatlhobo tsa sekolo ka Seetebosigo. O solofelwa go tlatsa foromo e e latelang.
Lefapha la thuto la Kapa Bokone
Tumelelo ya go fetola kaba ya nako
Leina la sekolo:
Go: Mogokaganyi wa Thuto wa tikologo
Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, ka tumallano le setlhopha sa botsamaisi ba sekolo a rata go dira kopo kwa mokaeding wa tikologo malebana le tumelelo ya go fetola kabo ya nako ya ditlhatlhobo tsa bogare ba ngwaga kantlha ya mabaka a a latelang:
Tshaeno ya monnasetilo wa Tshaeno ya ga mogokgo
Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Letlha Letlha
Setempe sa sekolo
LEKWALO LA 3
Lekwalo go tswa go morutabana
Ke rata go akgola mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o mont?hwa malebana le go supiwa ga oma mme e bile ke le eleletsa tsotlhe tse dintle ka sebaka sa lona sa tiro. Ke le kwele la lekwalo leno kantlha ya fa ke dumela ke na le leano le lentlhe la go okeletsa sekolo matlole. Ke buisane le mokgatlho-tsamaiso wa sekolo wa nako e e fetileng ka kgopolo eno ya me fela ba ikgatholasa tshikinyo eo.
Sekolo se na le phaposi e e sa dirisiweng ka tshwanelo kwa ntlheng e e kgakala ya kago ganti le lebala la metshameko. E tletse ka fenit?hara e e robegileng le dibuka tse dikgologolo thata. Re ka phepafatsa phaposi eo mme ra e dirisa jaaka lebenkelenyana. Bomme ba ba nnang go dikologa le sekolo ba fisegela go tsamaisa lebenkelenyana leo ka nako ya boitapoloso ba sekolo go gore le ba neye lotsenonyana. Re ka rerisanela madi a khiro a R300,00 ka kgwedi le diabo tsa 25% mo dipoelong tsa kgwedi. Cocacola le Simba ka bobedi di dumetse go re naya ditlhwatlhwa tse di siameng tsa dithoto tsa bona. Ka palogare fa diperesente di le 50 tsa baithuti ba rona (k.g.r. baithuti ba 300) ba tshegetsa lebenkelenyana mme ba dirisa bobotlana R5,00 ka letsatsi, re ka dira poelo ya bokana ka R5 600 ka kgwedi ka dithekiso fela. Ke na le tshepo ya gore re ka dira madi a le mantsi.
Ke lebeletse go utlwa go tswa go lona.
Ka botsalano
Dipuisano mo lefapheng
Makwalo go tswa kwa batsading
Makwalo go tswa kwa barutabaneng ke kwa baithuting
Makwalo a a rometsweng ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Faele-tsweletso ya Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
LENAANE
Karolo ya A - Molaotheo wa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo ya B - Dikopano
Karolo ya C - Dipuisano
Karolo ya D - Molowana wa boitshwarelo
Papetla ya setshwants ya go mekemekana le kgatlhang
Thulaganyo ya molawana wa boitshwaro
Go dirisa molawana
Go mekamekana le maitsholomabe a morutabana
Karolo ya E - Matlotlo
Molawana wa boitshwaro
LENAANE TEKOLO
Tlhaloso
Dirilwe
Papetla ya tshwantsho e e dirang ka kgotlhano
Thulaganyo ya molawana wa boitshwaro
Go dirisa molawana
Go mekamekana le maitsholo mabe a morutabana
Papetla tshwantso
Thulaganyo ya molawana wa boitshwaro
Molawana wa boitshwaro wa baithuti ba sekolo sa
Setempe sa sekolo
Letlha la go amogelwa ke Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo Saennwe
Letlha la go tiisiwa ke lefapha Saennwe
Matseno
Molao wa bo 84 wa dikolo wa Afrika Borwa wa 1996 o bofa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo sa setshaba go amogela molawana wa boitshwaro wa baithuti. Sentlankana seno se kobilwe go tlhama tikologo e e nang le kgalemo le maikaelelo go nolofatsa thuto e e botlhokwa gammogo le go ithuta mo dikolong. Maikemisetso ano a tla tshegetsa ditshwanelo tsa batho botlhe jaaka di akareditswe mo molaotlhomong wa ditshwanelo wa Molaotheo wa Afrika Borwa.
Metheo le ditumelo: Ditshwanelo tsa Baithuti (Lebelela Lekwalo dikgang la mmuso 18900 la 1998)
a. Baithuti botlhe le dimphato di tla nna tshwanelo ya setemokeratiki mo kgatong e e solofetsweng, le mo go nneng le seabe motseong ya ditshwentso mo ditemaneng tse di ba amang mo sekolong. Baithuti ba ya go nna le tshwanelo mo ditsamaisong tse go dumallanweng ka tsona tse di latelang le mokgatlho-tsamaiso gammogo kgotla-kemedi ya baithuti malebana le go tlhagisa le go rarabolola dingongorego tse di amanang le sekolo.
b. Ga go ope yo o ka kgethololang kgotlhanong le maithuti yo o tshwanetseng go itumelela tsholo e e lekanang, tshireletso le ditshiamelo fa pele ga molao.
c. Tlotlo ya seriti sa botho ya moithuti e tla babalelwa mme seno se akaretsa bodumedi, setso gammogo le ditumelo tse dingwe.
d. Baithuti botlhe ba na le tshwanelo ya sephiri mme e bile ga go na gore thoto ya bone e ka gapiwa kwa ntle ga pelaelo e el utlwalang.
e. Kgalemo e tshwanetse go itshetleega mo seriting le mo tlhomphong. Ga go moithuti ope yo o ka tseelwang kwa tsase kgotsa go tshwarwa ka mokgwa wa bophologolo.
f. Go ka seke ga nna le tiriso ya thupa.
g. Baithuti ba ka seke ba botlelelwa ba le bosi kgotsa gore go golegwa.
h. Baithuti ba na le tshwanelo ya maikutlo a kgololosego. Le fa go le jalo, boganana/lonyatso le ditlhapa ga se karolo ya kgololosego ya maikutlo. Kgololosego eno e lekanyeditswe gore e seke ya akaretsa kgolreletsego mo ditshwanelong tsa Gatho ba bangwe kgotsa tlhakatlhakano ya dithuto.
Baithuti ba na le tshwanelo ya tikologo e e phepa, e e bolokesegileng, e e senang kgadiepetso, e bile e itekanetse ka metsi a a phepa, mme e dumelela thuto le go ruta.
j. Baithuti ba na le tshwanelo ya go solofela gore barutabana tsa tshegetse maemo a a kwa godimo a metheo ya botho.
k. Tshwanelo ya thuto e akaretsa tshwanelo ya go tsenela dithuto mo dirutweng tsotlhe tse di rebotsweng, go sedimosediwa kgabetsakgabetsa ka kgatelopele ya sekolo, go dirisa didirisiwa tsotlhe tsa sekolo le gore kgono ya bona e lthabololwe ka botlalo.
l. Moithuti yo o moimana ga a tshwanela go ilediwa o ya sekolong. A ka romelwa kwa sekolong sa Bookelo sa basetsana ba baimana.
m. Ditumelo/dikgopolo tse di latelang tsa sekolo, le tsona di ya go rotloediwa ka tiriso ya molawana wa boitshwaro. (Lebelela borongwa/tiro le ponelopele ya sekolo)
Maikarabelo a baithuti
Lebelele lekwalodikgang la mmuso: 18900 la 1998
a. Baithuti ba tshwanetse go itlama ka go dira tiro yotlhe e ba e rilweng, e ka nna mo diphaposing kgotsa kwa gae, le go fitlhellela tiro e e ba latlhegetseng kantlha ya go sa tle sekolong. Tlhankatlhakano ya tiro ga ea dumelelwa. Baithuti botlhe ba na le maikarabelo a go ithuta le go tlhabolola kgono ya bona.
b. Baithuti bothle ba rwele makarabelo a go tlhokomela thoto ya sekolo mme moithuti mongwe le mongwe yo ka maikaelelo a dirisang botlhaswa thato ya sekolo, a e senya kgotsa ae tladika, o tla baka gore motsadi/motlhokomedi wa gagwe ae duele le go baakanngwa.
c. Baithuti botlhe ba na le maikarabelo a go tsena sekolo ka tlhomamo. Fa go ka direga gore moithuti a seke a tla sekolong ka letsatsi lengwe le el releng, ene/motsadi/Motlhokomedi o tshwanetse go itsese le go tlhalosa mabaka.
d. Kgotla-kemedi ya baithuti e tla emela dikgatlhegelo tsa baithuti, mme gape e rotloetsa boitshwaro bo bo matshwanedi mo gare ga baithuti. Le ga go le jalo ba ka seke ba otlhaya ba bangwe.
e. Maikarabelo a a latelang a baithuti le ona a kaiwa mo ponelopeleng le motirong sekolo.
Maikarabelo a batsadi malebana le Molawana wa boitshwaro.
a. Boikarabelo ba bofelo ba maithlomo a moithuti bo sala le motsadi/motlhokomedi yo e leng o solofetswe go:
i Tshegetsa sekolo le go batla gore baithuti ba ele tlhoko melawana le ditaolo tsa sekolo, le go amogela maikarabelo malebana le go tlhoka maitseo ga bona.
ii Go tsaya karolo mo thutong ya ngwana le go tiisa gore ba konosetsa tiro ya sekolo.
a. Batsadi ba tshwanetse go tsenela dikopano tse ba di bileditsweng ke mokgatlho-tsamaiso.
b. Batsadi ba ka nna ba tsaya kgato ya semolao kgatlhanong le motho mongwe le mongwe yo o feretlhanang le ditshwanelo tsa moithuti.
Tiriso ya ditaolo tsa sekolo a. Morutabana o tla nna le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa motsadi go kgalema le go laola moithuti ka nako ya tiro nngwe le nngwe ya sekolo.
b. Baithuti ba ya go nna le seabe mo go thaleng le mo go sekasekeng ditaolo tsa sekolo ka tsela e e latelang.
Diteng tsa molawana wa boitshwaro di tla phasaladiwa ka bophara mo malokong a sekolo.
c. Go sa itse ditaolo e tshwanetse go nna maipato a a amogelesegang.
d. Kgato ya kgalemo e tla direga ka bonako le ka bokgoni, e tla siama, e tla kgopolola, e tla tsepama mme e bile e tla ruta. Kgato eno e tla kgopolola kgotsa e dirisediwa go otlhaya modiramolato yo o tshwanetseng go kotula se a se jetseng go boloka tolamo mo sekolong.
e. Dikgato tsa kgopololo di tshwanetse go tsamaelana le tlolomolao mme e nne tse di gagametseng fa boitshwaro boo bo ipoeletsa.
f. Fa moithuti a ka sa tshwanele sekolo, a ka fetisediwa go mogokgo yoo a ka tlisang ditirelo tsa tshegetso ya baithuti, mme fa seno se sa thuse kgetse e ka lebisiwa go Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo, oo tshwanetseng go tsaya tshwetso go lebeletswe dikgatlhegelo tsa ngwana yoo le baithuti ba bangwe.
g. Baithuti ba tlaa be ba tlhalositse gore ke kantlha ya eng boitshwaro ba bona bo bo botlhaswa bo tsewa jaaka maitseo a a botlhaswa mme ba tlhoka gore ba kgalemiwe. Ka fa tlase ga pelaelo e e utlwalang mogokgo/morutabana a ka phuruphutsha moithuti malebana le dibetsa, dithunya thoto e e utswitsweng, diritibatsi kgotsa dire tsa thoballano. Le fo go lejalo seno se tlaa be se diriwa go boloka seriti sa botho sa moithuti. Fa phuruphutsho e diriwamo moithuting, motlhankela wa bong bo bo tshwanang le ba moithuti yo o phuruphudiwang o tshwanetse a dire seno ka mokgwa oo go ka kgonegang ka teng. Pego ya ditlamorago tse tshotlhe e tla bolokiwa.
Ditlolomolao tse di tlhwaelegileng a Ditiro tse di latelang de tsewa jaaka ditlomolao tse di tlwaelegileng.
b. Kotlhao ya ditlomolao tse di tlwaelegileng. Mo lebakeng la ditlolomolao tse di tlwaelegileng go ka diriwa tse di latelang:
i Tsiboso ka molomo kgotsa ka go kwalwa/kgotsa ka morutabana kgotso mogokgo.
ii Tiro ya sekolo e e tlhokometsweng eo e lebisitsweng kwa boitshwarong, ka kitso ya batsadi, mme polokesego ya moithuti e tiisiwe.
iii Go dira ditiro tse di thusang motho yo o rumotsweng kgotsa ho mophimola keledi malebana le tiro eo.
vii Go emisiwa nakwana mo sekolong e tla nna kgonega ya makgaolakgang malebana le ditlolomolao tse di boelediwang; morago ga tsotlhe ditsela tse dingwe tsa kaglemo di retetse.
Maitsholomabe a a kotsi
Tlhaloso ya maitsholomabe a a kotsi
Go ya ka lekwalo dikgang la Porofensi la Kapa Bokone, 236 la 1997, tse di latelang tseno di tlhalosiwa jaaka ditlolomolao tse di kotsi. Mabakeng a mothale ono sekolo se ya go latela ditsamaiso tse di tlhalositsweng mo karolong e e latelang:
a. Peto b. Tlhaselo ya bophologolo c. Kgadiepetso ka maikaelelo a go gobatsa motho d. Tlhaselo ka maikaelelo a go gobatsa motho e. Tlhaselo e e tlwaelegileng go morutabana f. Matshosetsi a a kotsi go batlhankela, mo thutong le mo e seng go thuto g. Tshenyo ka maikaelelo a go senya thoto ya mmuso h. Bogodu ka mabaka a a galefisang
Kgothoso j. Go nna le dibetsa tse di kotsi se se ka tlhalosiwang e le sebetsa se se kgonang go baka kgobalo e e tlisang phutsafalo.
k. Go nna, jo rekisa kgotsa go dirisa dire tse di seng mo molaong botlhaswa.
l. Go nna le dilo tse di tlhabisang kgala go akarediwa tse di bontshana thobalano ka mefuta ya yona.
m. Go nna mo setsheng sa sekolo kgotsa mo tirong ya sekolo e e seng mo setsheng sa sekolo o le ka fa tlase ga tlhotlheletso ya tagi kgotsa dire tse di seng ka fa molaong.
n. Go nna, go rekisa kgotsa go nwa bojalwa o le mo setsheng sa sekolo.
o. Go utswa dipampiri tsa di tlhatlhobo, go nna le tsona, kgotsa go rekisa dimpampiri tse di utswitsweng tsa ditlhatlhobo.
p. Ditlolomolao tsa maitsholomabe tsa tlwaelo tse di ipoeletsang.
Moithuti ga a tshwanela go emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa kantlha ya fa batsadi ba sa kgone go duela madi a tefiso kgotsa a sekolo.
Kgato e e tshwanetseng fa go direga maitsholomabe a a kotsi a. Go ya ka lekwalodikgang la mmuso, 18900 la 1998 le lekwalodikgang la Porofensi, 236 la 1997, go tla latelwa tsamaiso e e latelang ka nako ya maitsholomabe a a kotsi go tiisa tsheko e e siameng ya kgetse. Dikotlhao tsa go emisiwa nakwana le go kobiwa di ka diriwa fela morago ga gore kgato e e motshwanedi e e tlhalositsweng fa tslase, e salwe morago.
b. Moithuti mongwe le mongwe yo go kaiwang a tlotse taolo nngwe e e tlhokang go emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa, o tshwanetse go romelwa go mogokgo. Mogokgo o tla reetsa bopaki mme a swetsa ka kgato e e tla tsewang.
c. Mo tiragalong ya fa moithuti a tshwanetse go latofadiwa ka maitsholomabe a a kotsi, mogokgo o tshwanetse go itsese batsadi ba moithuti ka go ba kwalela ka kgato e e tshikintsweng mme a ba a rulaganya tshekiso e e siameng e e tla tsamaisiwang ke komiti kgalemo e potlana e e bopilweng ke maloko a a tlhophilweng ke mokgatlho-tsamaiso. Setlhopha seo sa kgalemo ga se a tshwanela go tshosetsa moithuti. Mo lebakeng la moithuti yo monnye dithulanyo tse di kgethegileng di tshwanetse go diriwa malebana le tsheko, mme batsadi kgotsa batlhokomedi ba ka emela moithuti.
d. Mogokgo o tshwanetse go direla mokaedi wa kgaola pego e e kwadilweng ya kgetse mme a tlhalosa tshwetso ya go latofatsa moithuti.
e. Khopi e e kwadilweng ya tatofatso e tla romelwa kwa moithuting yo o amegang gammogo le batsadi ba gagwe kgotsa motlhokomedi-ka go e mo neela mo seatleng; e be e fetisediwa ka lekwalo le el kwadisitsweng kwa lefelo bonnong lego itseweng e le la bofelo la motsadi kgotsa motlhokomedi.
f. Tatofatso e tla nna le taelo e e laelang e e kwadilweng a romele kamogelo kgotsa kganelo e e kwadilweng a romele kamogeleo kgotsa kganelo e e kwadilweng ya tatofatso mo sebakeng sa malatsi a le supa a tiro, mme e bile fa a eletsa jalo, a tlhalose ka go kwala malebana le maitholomabe a a kotsi ao a tatofadiwang ka ona.
g. Fa moithuti a amogela molato, e ka nna ka go kwala kgotsa ka molomo fa pele gag a mogokgo, o tla tsewa a le molato wa maitsholomabe a a kotsi jaaka a latofadiwa. Le fa go le jalo, fa mogokgo a na le kakanyo ya gore maitsholomabe a ka baka go kobiwa mo sekolong ke Tlhogo ya Lefapha, tsheko e e siameng e santshe e ntse e tla tswelela pele go sa kgathalasege kamogelo ya molato.
h. Ka nako ya tsheko, mogokgo wa sekolo sa set?haba se moithuti a tsenang kwa go sona kgotsa motlhankela yo o supilweng ka go kwala ke Tlhogo ya lefapha e tla nna motshwaramarapo yo -
Mo lebakeng la fa moithuti a amogela molato mo tatofatsong ya maitsholomabe a a kotsi, a dira dikatlanegiso mo dikgatong tsa kgopololo tse di yang go tsenngwe go mokaedi wa kgaola wa Thuto, kgotsa fa go diega gore go atlanagesiwe go kobiwa ga moithuti wa mothala ono kwa lefapheng la thuto; kgotsa ii Mo lebakeng la fa moituti a ganela molato wa gagwe mo tatofatsong maitsholomabe a a kotsi, a reetsang molato ka mokgwa o o tlhalositsweng fa tlase le, iii gore morago ga gore a fitlhele molato, a dire dikatlanegiso ka dikgato tsa kgopololo tse di yang go tsenngwa.
i Motlhankela yo o neilweng maikarabelo o tlaa re ka go kwala, a supe morutabana kwa sekolong sese amegang, mme a dire jaaka matshotshosi ka nako ya t?heko.
j Tshekiso ja pele ga motlhankela yo o neilweng maikarabelo e tla tsamaisiwa ka bonako jo bo kgonegang mme e bile e se ka fa mokgweng, fela go ya ka metheo ya tolamo, go utlwagala le kgato e e matshwanedi eo e sireletsang dikgatlhego tsa moituti le motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo tshekong.
k. Malebana le tsheko, baithuti ba tshwanetse go itsesiwe le go tlhaloganya tatofatso, , ka kitsiso ya malatsi a le matlhano e e supang nako, lefelo le letlha.
Neela dintlha ka tsela ya go di bua kgotsa ka ditlhagiso tse di kwadilweng kgotsa ka ditlankana tse di nang le bopaki;
A ka botsolotsa dipaki dingwe le dingwe.
Tlhagisa dikganetsano tse di tshegetsang tatofatso.
m. Moithuti o tla nna le tshwanelo ya go nna teng ka sebele kwa tshekong le go emelwa ke batsadi ba gagwe kgotsa motlhokomedi, kgotsa motho yo o tlhopilweng ke moithuti kgotsa batsadi ba gagwe, kgotsa motlhokomedi yo o tla nnang le tshwanelo ya go-
a Reediwa ke batho ba bas a ikabeng ka letlhakore b Tshwarwa ka seriti ka nako eo c Neela dintlha tsa moithuti go tswa mo tlhagisong ya gagwe ka go kwadiwa kgotsa ka molomo d Neela ditlhagiso tsa dingwe e ka nna ka go kwalwa kgotsa ka molomo kgotsa ditlankana tsa bopaki tsa go femela moithuti;
e Botsolotsa paki nngwe le nngwe e e biditsweng go tshegetsa tatofatso;
f Nna le phitlhelelo mo ditlankaneng tsa bopaki tse di neetsweng go tshegetsa tatofatso.
g Sedimosediwa ka go kwalwa gore a ke tshwetso ya emisiwa nakwana kgotsa go kobiwa.
h Sedimosediwa ka ga tshwanelo ya go ikuela go mokhuduthamaga.
n. Moithuti a ka nna a ipona molato mo tatofatsong ya gagwe mo tsamaong ya tseko, moo e leng gore o tlaa bonwa molato wa maitsholomabe a a kotsi jaaka a latofadiwe.
o. Morago ga bokhutlo ba tsheko motlhankela yo o neilweng maikarabelo o tla dira diphitlhellelo mo tatofatsong eo, a tlhalosa lebaka la go bona molato ka mabaka a a galefisang le a go tlhofofatsa kotlhao, mme a ka dira katlanegiso ya gore dikgato tsa kgopololo di tshikinngwe.
p. Mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse go tshola dipego tsa tsheko.
q. Fa go direga gore go fitlhellelwe tshwetso e e atlanegisang go kobiwa, mokgatlho-tsamaiso o tshwanetse go itsese tlhogo ya lefapha mo sebakeng sa diura di le 24. Ke tlhogo ya lefapha fela e e ka dumelelang go kobiwa. Batsadi ba moithuti yo o kobilweng ba ka nna ba ikuela kgatlhanong le tshwetso ya tlhogo ya lefapha go mokhuduthamaga mo sebakeng sa malatsi a le supa morago ga katlholo.
r. Fa go direga gore moithuti a bonwe molato, motlhankela yo o neetsweng maikarabelo a ka nna a tshikinya dikgato tse di latelang tsa kgopololo go moithuti yo o bonweng molato, kgotsa go akanngwa gore o bonwe molato:
ii O ka dira gore kgolegelo ya gagwe e e dire morago ga diura tsa sekolo mo sebakeng se se tshwailweng sa nako;
iii Go emisiwa nakwana sebaka sa beke kgotsa sebaka se se utlwalang nako ya fa a santse a emetse thebolo ya Tlhogo ya Lefapha malebana le go kgotlhisiwa setlhako.
iv A ka nna a rwesiwa morwalo wa kotlhao ya madi a a sa feteng R500 a o a tla tsenngwang mo sekgwameng sa sekolo fa a duelwa;
v Go ka nna gatsenngwa kgato nngwe le nngwe ya kgopololo, go mmaballa gore a seke a kobiwa mo sekolong, eo a ka e akanyang e utlwala, e lolame e bile e tshwanetse go ya ka mabaka.
m. Moithuti kgotsa batsadi ba gagwe kgotsa motlhokomedi, a ka ikuela kgatlhanong le phitlhellelo ya motlhankela yo o neetsweng maikarabelo le/kgotsa kgato-kgopololo e e tsentsweng kwa tlhagong ya lefapha.
n. Metseletsele ya dikgato kgalemo e e lebeletsweng fa e tla tsamaisiwa ka mokgwa o o lolameng, o o utlwalang, o o bonagalang e gile o bolokesegile, kwantle go gore tsheko ka boyone e tla be e tswalelletswe batho botlhe ntle fela le batho kgotsa batlhankela ba ba amegang mo go yona.
o. Mo lebakeng la go sutisiwa ga kgalemo tlhogo ya lefapha e tshwanetse gobatlela moithuti phatlha go fitlha dingwaga tsa pateletso tsa tseno ya sekolo di fitlhellelwa.
p. Tlhogo ya lefapha e tla batlela moithuti yo o kobilweng sekolo morago ga gore kgato e go dumallanweng ka yona e salwe morago. Fela tiro ya go ko a e sala e ntse e le tshwanelo ya tlhogo ya lefapha, mme e seng mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Tlhatloso le molawana wa boitshwaro a. Maikemisetso ano a tla bontshiwa mo phatlalatseng mo sekolong ka tsela e e latelang.
b. Maikemisetso ano a tla neelwa moithuti mongwe le mongwe ka puo ya semmuso e go rutiwang ka yona ka nako ya ikwadiso.
c. Maikemisetso ano a tla tlahlosa gore ditsholofelo tsa sekolo ke dife. Dikgato tse di latelang di tla tsewa go sedimosa ditsholofelo tsa sekoloo go baithuti.
d. Moithuti mongwe le mongwe o tshwanetse go neelwa khopi kwa tshimologong ya ngwaga, baithuti ba bang ba ba kwa sekolong sa poremari ba tshwanetse itsesiwe ka molomo.
e. Ditaolo tsa phaposi di tshwanetse go kgomarediwa mo phaphosing, mme go tlhalosiwe sentle ditlamorago tsa go roba taolo e nngwe le e nngwe.
GO DIRISA MOLAWANA
Melawana ke "eng"?
Molao wa dikolo wa Afrika Borwa o dirisa mokgwa wa segompieno ga tsamaisa dikolo. O kobile go fetola tsela eo dikolo di tsamaisiwang kateng le go tlhotlheletsa dikolo go rwala maikarabelo a ditemana tsa tsona. Re batla maforatlhatlha a thuto ao a itshetlegileng mo methoeng le ditumelong tsa molaotheo o montshwa. Tsela e lenngwe ya go dira se ke go thlotlheletsa dikolo go tlhama "melawana ya boitshwaro". Ka go dira jalo, dikolo di tlhotlhelediwa go buisana le banna le seabe botlhe kwa sekolong, mme rerisanele babotlana melawana e le mebedi.
MELAWANA" MO BOEMONG BA "DITAOLO"
Melawana e refosa setlhopha sa bogologolo sa "ditaolo". Go ne go na le mathata ka ditaolo tsa bogalogolo:
Ditaolo ga di a tlhadiwa ka tsela ya setemakeratiki; din e di thadiwa ke batho ba baneng ba tshwere taolo.
Ditaolo di re di tsenngwa fela, ke gore, din e di patelediwa ba ba kwa tlase (badiri kgotsa baithuti.)
Ditaolo din e di tsibogelwa e bile di tsamaya le kotlhao.
Ditaolo din e gantsi di ganetsa ("De dire se...O seke wa dira sele...").
Ditaolo din e gantsi di sa obamelwe.
Mo baemong baseo, melawana yona ea dumelesega:
Melawana e tlhoma boemo ba boitshwaro. Melawana e nna e na le setlhophana sa ditumelo tsa seto, melao le metheo eo maloko a sekolo ae tshegetsang.
Melawana ke diphalo tsa dipuisano le ditherisano le ditlhopha tsa banna-le-seabe mo malokong a sekolo.
Melawana ea tlhabolola mme e lebeletse go rotloetsa boitshwaro bo bo siameng.
Melawana e lebelela go rotloetsa kgalemo e e nang le tshepo le go ikgalema.
Ka jalo melawana e rata go salwa morago.
Molao wa dikolo wa Afrika Borwa le dikitsiso tse di latelang mo lekwalo dikgannyeng la mmuso e tlamela ka bokao bo bo bophara ba melawana ya boitshwaro ya baithuti e e leng ya dikolo tsotlhe. Ga e bewa ka tsela e e bonolo, karolo ya 1.4 ya kitsiso ya 776, ya re melawana ya baithuti e tshwanetse go itshetleega mo dintlheng tse di latelang:
Molawana wa boitshwaro o tshwanetse go dedimosetsa baithuti ka tsela eo ba tshwanetseng go itshwara ka yona mo sekolong fa ba ipaakanyetsa boitshwaro ba bona le polokesego mo setshabeng.
O tshwanetse go tlhoma boemo ba boitshwaro ba baho ba baithuti, mme o be o ba tlamele ka botswerere, kitso le dinonofo tseo bat la solofelwang go ka di bontsha go nna baagi ba ba maikarabelo le baling.
O tshwanetse go rotloetsa maikarabelo a baagi a sekolo, mme e bile o tshwanetse go tlhakolola baeteledipele.
Maikaelelomagolo e e nang le tshepo, ga ea tshwanela go otlhaa le go lebisiwa kwa kotlhaong fela e tlhofafatsa go ithuta go go agegileng.
Molawana o tshwanetse go itshetleega mo setsong sa poelano, go ruta, go ithuta le tlhomphano, le go tlhongwa ga setso sa kgotlhellelano le kagiso modikolong.
Mo ditemaneng tseno, molao wa dikolo wa Afrika-Borwa o lebelela thata molawana wa boitshwaro wa baithuti.
TIRO" LE "DIPHOLO" DI BOTLOKWA KA GO LEKANA
Fa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o thal molawana wa boitshwaro wa baithuti, go botlhokwa gore ba akaretse baithuti, batsadi le barutabana mo sekolong. Tiro e tshwanetse go nna ya setemokeratiki. "Dipholo" (ke gore, setlankana sa mokgaokakgang sa Molawana wa boitshwaro) e tshwanetse go "setlankana sa tumallano"; ke gore ditlhopha tsotlhe kgotsa banna-le seabe ba tshwanetse go dumallana.
Dikolo di le pedi ga di tshwane, ka jalo ga oa tshwanela fela go kopolola molawana go tswa kwa sekolong se sengwe. Sekolo sengwe le sengwe se tshwanetse go itlhamela molawana wa sona. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tshwanetse go akaretsa maloko otlhe a sekolo mo tirong ya dipuisano, mme o ba o tlhagisa molawana o o ikemetseng ka boona wa baithuti mo sekolong sagago. Molawana o tshwanetse go tlamela ka ditsela tse di matshwanedi tsa gore baithuti ba kgone go tlhagisa dingongorego tsa bone, gammogo le metheo ya tsamaiso ya kgalemo. (Seno setlhalosiwa moragonyan mo karolo 1 ya karolo eno.)
Morago ga gore melawana e amogelwe ke maloko a sekolo, Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tshwanetse go tlhomamisa gore monna-le-seabe mongwe le mongwe o amogela khopi ya setlankana sa molawana ngwaga mongwe le mongwe melawana e tshwanetse go sekasekiwa, mme go buisanngwe le batsayakarolo fa go na le diphetogo tse di tshwanetseng go diriwa.
Tona ya bosetshaba ya thuto ke bothati ba makgaolakgang motaolong le mo kgalemong ya baithuti, fela go tlhokega gore mokgatlho-tsamaiso mongwe le mongwe o tiise gore go nna le kgalemo mo sekolong sa ona.
Go soboloka...
Dikilo di tshwanetse go tlhama melawana ya boitshwaro
Melawana ga ea tshwanela go nna fela ditaolo tse di patelediwang batho.
Melawana e tshwanetse go itshetleega mo metheong le mo ditumelong tseo maloko a sekolo a di tshegetsang.
Melawana ya boitshwaro ya baithuti e tshwanetse:
Go tlhabololwa ka tsela dipuisano le ya setemokeratiki
Go itshetleega mo tumallanong magareng ga batsayakarolo ba ba maleba.
Go tlamela ka kikgakololo tsa boitshwaro le go tlhoma ya boitshwaro ba setho.
Go rotloetsa go ikgalema le go ithuta go go nang le maikaelelo
Go akaretsa ditsamaiso tsa kgalemo le dingongorego
Go phasaladiwa sekolo ka bophara
KGATO YA NTLHA GO LEBA KWA MOLAWANENG WA BOITSHWARO WA BAITHUTI:
Kgolagano magareng ga ditshwanelo tsa baithuti le maikarabelo.
Molaotheo wa Afrika Borwa, molao 108 wa 1996, o akaretsa "molaotlhomo wa ditshwanelo". Ditshwanelo tseno ke motheo wa "molawana" wa mmuso o montshwa wa Afrika-Borwa. Mmuso o solofeditse go rulaganya setshaba ka tsela e e tiisang ditshwanelo tse di latelang tsa moagi mongwe le mongwe. Kitsiso ya gore tshwanelo ya thuto, ke nngwe ya ditshwanelo tsa gago tsa motheo.
Tekatekano Seriti sa botho
Botshelo Kgololosego le tshireletsego ya motho
Go, seke ga nna le bokgoba, Sephiri
Bolata kgotsa pateletso ya tiro kgololosego Kgololosego ya puo ya bodumedi, tumelo le kgopolo
Ditshwanelo tsa sepolotiki Boagi
Dikgolagano tsa badiri Tshwanelo ya go nna le tikologo e e phepa le itekanetseng
Kgololosego ya motsamao le bonno Kgololosego ya kgwebo, tiro le seporofesene
Thoto Kagomatlo
Tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, Ditshwanelo tsa bana metsi le tshireletso ya boago
THUTO Puo le setso
Merafe ya setso, bodumedi le diteme Phitlhellelo kwa tshedimosetsong
Tshwanelo ya kgato e e siameng ya tsamaiso Phitlhellelo kwa dikgotlatshekelong
Ditshwanelo tsa batho ba ba golegilweng le ba ba lotleletsweng
TSHWANELO YA THUTO
Ka tatobalo, "tshwanelo ya thuto" e kaya eng? Karolo ya 29 ya Molaotheo ea re:
Mongwe le mongwe o na lae tshwanelo -
ya thuto ya motheo, go ajarediwa thuto ya motheo ya bagolo; le thuto e e kwa pele e e thlalosang ka dikgato tse di utlwalang gore e tshwanetse gonna teng le go fitlhellelwa.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go amogela thuto ka leleme la semmuso kgotsa maleme a a itlhophetsweng ke bona mo ditheong tsa thuto tsa setshaba, koo e leng gore thuto eo ea kgonega. Gore go tiisiwe phitlhellelo e e nonofileng le go tsenngwa tirisong ga tshwanelo eno, mmuso o tshwanetse go akanya ka dikgonego tse di utlwagalang tsa thuto, go akrediwa ditheo tsa puo e lenngwe, go sa lebalwe-
tolamo;
kgonego; le tlhokego ya go siamisa ditlamorago tsa ditiro le melao ya nako e e fetileng ya kgethololo ya mmala.
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go aga le go tsamaisa ditheo tse di ikemetseng tsa thuto ka ditshenyegelo tsa gagwe..."
DITSHWANELO DI TSAMAYA LE MAIKARABELO
Tshwanelo nngwe le nngwe e tsamaya le boikarabelo. Ditshwanelo le maikarabelo di tsamaya mmogo-go tshwana le matlhakore a le mabedi a papetlana e e=lenngwe ya madi. Re tlile go dirisa motheo o gosimolola go thala molawana wa boitshwaro wa baithuti.
Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go kwala molawana. Go botlhokwa go gakologelwa ditshwanelo fa o nagana ka melawana ya boitshwaro. Melawana ya boitshwaro e itshetleegile mo ditshwanelong le mo maikarabelong ka bobedi.
Ga go na dilemana tse di nepagetseng kgotsa tse di fosagetsemg mo molawaneng. Go latela ditshikinyo tse dingwe (di theilwe mo molawaneng wa boitshwaro go tswa sekolong se segolo sa basimane sa Westville, KZN):
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go rutiwa mo tikologong e e lolameng mme e bile e na le kgalemo.
le maikarabelo a go nna le tirisano mmogo le tlhokomelo mme a seke a senya dithuto kgotsa go kgoreletsa baithuti ba bangwe. O tshwanetse a nne le boikgalemo mme a itlame ka kgatelopele ya botlhe ya botlhalefi.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsholwa ka tsela e e siameng le maikarabelo a go katoga mokgwa monge le mongwe wa thumalano kgotsa boitshwaro go bogisa ba bangwe. Tlotlo e tshwanetse go bontshiwa botlhe ba ba tshotseng maemo a bothati, mogokgo, barutabana, baithuti, tsamaiso le batlhankela ba bangwe.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go tshwarwa ka tlotlo ke maloko a mangwe a sekolo, go sa kgathalasege dipharologano tsa botho, setso, bomorafe le bodumedi
Le maikarabelo
A go bontsha kgotlellelano le go naganela batho ba bangwe. Ga a tshwanela go tshosetsa kgotsa go sotla ba bangwe, le go leka go fapasetsang ba bangwe mo ditumelong tsa gagwe.
Moithuti mongwe le mongwe on na le tshwanelo
Ya go dira gore ditiro tsa sekolo le dithuto di simolole ka nako.
Le maikarabelo
A go reetsa le go nagana ka dikgopolo tsa ba bangwe.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go tlhagisa dikgopolo tsa gagwe ka tsela ya tlotlo le e e bonolo.
Le maikarabelo
A go reetsa le go nagana ka dikgopolo tsa ba bangwe.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go ungwa gotswa mo go seo sekolo se tumileng ka sona le mo didirisweng tse di farologaneng seo di tlamelwang ke sekolo.
Le maikarabelo
A go tlotla le go boloka didiriswa tseo, go tshegetsa ditumelo tsa sekolo le go itshwara ka tsela eo e leng gore e ka seke ya diga seriti sa sekolo. Seno se direga mo maemong mangwe le mangwe moo moithuti a apereng diaparo tsa sekolo teng, kgotsa ka tsela nngwe le eo a ka tlhalosiwang ka yona e le moithuti wa sekolo.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go itumelela tshegetso ya sekolo mo go nneng le seabe ga gagwe mo mererong ya setso, metshameko le botlhalefi
Le maikarabelo
A go bofiwa ke melao ya boramotshameko bo bo siameng mo lebaleng la metshameko le dikamano tsa gagwe le dikolo tse dingwe kgotsa se setshaba, le go bontsha botshepegi le boitlamo mo ditlhopheng, mekgatlho le dikomiti tse a itlamileng go di tshegetsa.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go sireletsega ka boene le thoto le maikarabelo a go tshegetsa boithwaro ba botshepegi le tshireletso mo sekolong, go bontsha tlotlo mo dithotong tsa ba bangwe, mme a sa senye, a sa tladike, a sa utswe kgotsa ka tsela e nngwe a sa kgoreletsanye le thoto e e seng ya gagwe.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya go dira mo tikologong e e itekanetseng le e e senang leswe le maikarabelo a go tiisa gore setsha sa sekolo setsholwa se le phepa e bile se itekanetse, mme gape go seke ga tladiwa leswe, ga tladikiwa mabota kgotsa go senya ka bomo.
Moithuti mongwe le mongwe o na le tshwanelo
Ya gore tiro ya gagwe e tshwaiwe e be e busediwe morago mo sebakeng se se utlwagalang
Le maikarabelo
A go tiisa gore tirogae kgotsa tiro e nngwe ya sekolo di a konosediwa le go romelwa ka nako.
KGATO YA BOBEDI YA GO LEBA KWA MOLAWANENG WA BOITSHWARO
Sekao sa molawana
Seno ke sekao sa Molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong se segolo (High School). Ga o rebolwe jaaka molawana o o "feletseng", fela jaaka sekao l(ke gore ke sekao se re ithutang go tswa mo go sona.) Sekao seno se theilwe go tswa mo molawaneng o o thadilweng ke Sekolo se Segolo sa Barnato Park, e leng sekolo se se mogare ga Johannesburg.
Maloko a sekolo sag ago a ka nna a buisana ka molawana o o sa tshwaneng le e mengwe. Gape molawana wa boitshwaro wa baithuti mo sekolong sa porasmari o ka nna bonolo.
Ntlha e e botlhokwa
Gakologelwa, sekolo sag ago se tshwanetse go itlhamela molawana wa sona. Sekao seno se ka go thusa, fela o seke wa se kopolola. Fa o ka se kopolola, se ka seke sa dira! Baithuti bag ago ba tshwanetse go nna le molawana o e lengwe bona gore o tle o nne le tlhotlheletso e e nayang tshepo mo maitlhomong a bona le boitshwaro.
Sekao se se tletseng sa Molawana se akareditswe mo ditsebeng tse di latelang. Fa ontse o buisa sekao sena, ela thoko tse di latelang:
O akaretsa ditumelo tse di tlamelwang ke Molaotheo gammogo le Molao wa dikolo wa Afrika Borwa.
Ke molawana o o "tshepegang".
Fa o akaretsa karolo mo ditaolong tsa Sekolo, ke go feta lennane la ditaolo.
Molawana ono o naya mmadi tlhaloganyo e e tiileng ya ditumelo, dikgopolo tsa setho, le mowa wa go tlotlana mo sekolong.
Sekao se, e leng Molawana wa boitshwaro wa baithuti o arogantswe ka ditlhogo tse di latelang:
Thuto ka botlalo: Meriri e e tshosang ya "Dreadlocks."
Kgang eno e theilwe mo tiragalong ya nnete mo sekolong sa mo Gauteng. Mogokgo wa Sekolo se Segolo sa somewhere o ne a setse a utlwile. Sekolo se ne se na le molawana wa boitshwaro, mme mo go one molawana oo, go akareditswe ditaolo tsa go apara, go akarediwa melawana ya disetaele tsa meriri. Setlhopha sa basimane se ne kgabetsakgabetsa se sa obamele ditaolo mme setla ka meriri ya "di-dreadlock" kwa sekolong. Fa a ne a swetsa ka go tsaya kemo mo temakgannyeng e, mogokgo o laotse gore ba ye gae mme ba boe fela fa ba dirile setaele se se siameng sa moriri.
Batsadi ba basimane bao ban e ba tuka bogale, ban e ba golagana le mokhuduthamaga gammogo le diseteisene tsa diyalemowa, mme mokhuthamaga o ne a laola mogokgo go amogela basimane gape, go sa kgathalesege setaele sa bone sa moriri. O boleletse mogokgo gore batsadi ba basimane ba kaile fa e le ma-rasta, mme e bile setaele sa bone sa moriri se tsamaelana le ditumelo tsa bone tsa sedumedi. Ka jalo go ba tlhotlholola mo sekolong e ne e le go kgoreletsanya le kgololosego ya bona ya sedumedi.
Eno e ne gape e le kganetsano ea e neetseng fa ban e ba buisana le ene mo seyalemoweng sa bosetshaba. Mmega dikgang o supile gore kgotlhatshekelo ya molaotheo e ne e dira katlholo mo tirisong ya motokwane ke ma-rasfarians, mme ya botsa mokhuduthamaga gore a o ne a tla letlelela basimane go goga motokwane mo sekolong kgotsa nnyaa, fa kgotlatshekelo e kaba e sekametse ka fa letlhakoreng la bona fa e ne e dira katlholo. Fa mokhuduthamaga a araba ka gore o ne a ka seke mmegadikgang o ne a mo latofatsa ka go nna molato wago kgoreletsanya le ditshwanelo tsa basimane jaaka mogokgo. Ga a ka a nna le karabo kgotsa phemelo kgatlhanong le tatofatso.
FAELE-TSWELETSO YA MOKGATLHO-TSAMAISO WA SEKOLO
LENAANE
Karolo A - Molaotheo wa Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Karolo B - Dikopano
Karolo C - Kgolagano
Karolo D - Molawana wa boitshwaro
Karolo E - Matlotlo
Metsheo
Thulaganyo ya maikemisetso a matlotlo
Koketso ya matlole
Dithulaganyo tsa pego ya matlotlo a kgwedi le kgwedi
Maikarabelo a matlotlo a Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo
Go tsamaisana molao wa dikolo wa Afrika-Borwa, ke maikarabelo a Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo go:
a. go kokoanya matlole a sekolo go tlaleletsa metswedi thuso le matlole a a tlametsweng ke mmuso go lekana ditshenyegelo tsa merero yasekolo;
b. go tsamaisa matlole a sekolo, go ntse go ikaegile mo ditlhokegong tsa lefapha la thuto la porofensi, le mo dipuisanong le maloko otlhe a sekolo;
c. boloka dipego tsa madi otlhe a a amogetsweng kgotsa a a dirisitsweng ke sekolo le a letlotlo, melato le ditlankana tsa matlotlo a sekolo;
d. baankanya kanego ya matlotlo ngwaga le ngwaga eo e bontshang lotseno le ditshenyegelo gammogo le letlotlo le melato ya sekolo ka mokgwa o ditla bong di le ka teng mo bokhutlong ba ngwaga wa sekolo;
e. nna le dikanego tsa ngwaga le ngwaga tsa matlotlo le dipego tse dingwe tsa matlotlo a sekolo tse di tlhatlhobilweng ke mankge wa tsa matlotlo yo o kwaditsweng ka tsela e e matshwanedi go ya ka molao wa 1991 wa Bommalamatlotlo le baruni ba setshaba, kgotsa yo o supilweng ka tsela e e matshwanedi ke tlhogo ya thuto;
f. romela khopi e e tlhatlholilweng ya kanego ya ngwaga le ngwaga ya matlotlo go lefapha la thuto la porofensi ka bonako jo bo kgonegang kgotsa dikgwedi di le thataro morago ga bokhutlo ba ngwaga wa sekolo, le go neela batsadi dikhopi kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho-tsamaiso; le g. go baakanya tekanyetso kabo ya ngwaga le ngwaga ya sekolo koo madi a a tla kaiwang ka tlhomamo. Kabotekanyetso e ya go bewa mo tafoleng le go amogelwa ke bontsi ba ditlhopho tsa mokgatlho wa batsadi kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho-tsamaiso.
Go ntshiwa ga setlankana a. Ditlankana di ntshiwa go yha ka go latelana.
b. E e fa godimo e neelwa moduedi mme ya sebedi/kwaleletsi ea sala.
c. Dintlha ka botlalo di tshwanetse go konosediwa, ka enke e tala/ntsho ka mokwalo o o bonalang.
d. Ditlankana di tshwanetse go nna le dintlha tse di latelang mo go tsone.
Maina a a tletseng le sefane sa moduedi
Letlha leo tuelo e diriwang ka lone.
E tshwanetse go kwalwa ka mafoko le ka dipalo.
iv. Lebaka la tuelo le tshwanetse go tlhagisiwa, sk. Leeto, madi a metshameko.
vi. Leina le tshaeno ya moamogedi.
vii. Setempe sa sekolo mo go sona.
e. Ga go diphetogo dipe tse di tshwanetseng go diriwa mo setlankaneng sefe kgotsa sefe. Fa go ka direga phoso se tshwanetse go phimolwa ka go kwala lefoko "PHIMOTSWE" go ralala sentlankana se se fa godimo le sa sebedi.
f. Setlankana se tshwanetse go ntshediwa kgoboko nngwe le nngwe ya madi e e amogetsweng, le malebana le madi a lefetiso.
g. Setlankana se sentshwa se tshwanetse go ntshiwa fa e le gore tsheke e e gannweng ke banka e ka beelediwa, mme tuelo ya tsheke e e fa godimo e tshwanetse go busediwa morago mo bukeng ya kwalelotlotlo.
h. Mo lebakeng la fa tsheke e tlotswe ke nako, setlankana se tshwanetse go diriwa fela fa madi ao a ka fitlellelwa. Ditsheke tsa mothale o o di tshwanetse g bolokiwa mo polokelong ya sekolo kgotsa lefelo le le bolokesegileng le le tshwanang le leo go fitlha di beelediwa mo akhaonteng ya sekolo.
Buka ya ditlankana e tshwanetse e kgaoganngwe ka enke e khibidu nako fa madi a beelediwa. Letlha, metseletsele ya dipale tsa ditlankana mme palo ya madi a a bolokilweng di tshwanetse go supiwa sentle. Tekatekanyo e e tshwanang le e tshwanetse go diriwa mo dipegong tsa polotlotlo, ka totobalo mo kwalelotlotlong ya dintlankana, pela ga fa madi a beelediwa.
Go beelediwa ga madi a. Ditlankana tsa go beeletsa di tshwanetse go tladiwa ka tshwanelo mme madi a tshwanetse go lekalekana le a mo kwalelotlotlong ya ditlankana.
b. Mogokgo le motlhankela wa matlotlo ke bona ba rweleng maikarabelo a go beeletsa madi otlhe.
c. Dithulaganyo tsa go beeletsa madi di tshwanetse go fapaana go fokotsa kotsi ya go latlhegelwa ke madi ka kgotoso. Motlhankela wa matlotlo kgotsa mogokgo ba tshwanetse go tsamaisa madi a a yang go bolokiwa ba patilwe tsela ke maloko a a farologaneng a batlhankela nako e nngwe le e nngwe.
d. Go tshwanetse go diriwa dithulaganyo tsa go bona kanego ya banka moletsatsing la bofelo la kgwedi e nngwe le e nngwe.
e. Sekolo se tla dira fela ka akhaonte ya tsheke.
Dituelo a. Ga go leloko lefe le le ka saenang tsheke e e senang sepe ka fa tlase ga mabaka afe kgotsa afe.
b. Dituelo tsotlhe tse di diriwang mo boemong ba sekolo, kwa ntle ga sekgwamana, i tshwanetse go diriwa ka tsheke e e kgabagantshitsweng ka mela.
c. Go tshwanetse go saene batho ba le bararo mo akhaonteng, mme ba le babedi ba ka saena ka nako e lenngwe.
Pego ya matlotlo a. Ngwaa wa matlotlo wa sekolo o simologa ka ferikgong go fitlha sedimonthole a tlhola malatsi a le 31 ngwaga le ngwaga.
b. Dipego tsa matlotlo tsa ngwaga le ngwaga le tsa kgwedi le kgwedi di ya go akaretsa lotseno lotlhe le ditshenyegelo gammogo le kanego ya tshalelo mo akhaonteng ya banka.
c. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla bitsa kopano magareng ga phukuri le ngwanatseele ngwaga le ngwaga go neela pego ya matlotlo ya sekolo.
d. Kanego e e tlhatlhobilweng ya matlotlo e tla neelwa mokgatlho-tsamaiso wa sekolo mo dikgweding di le pedi morago ga bokhutlo ba ngwaga wa ditshelete.
e. Mokgatlho-tsamaiso wa sekolo o tla supa mankge yo o matshwanedi go tlhatlhoba dibuka, fa fela motho wa mothale yoo e se karolo ya mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
Tekanyetso a. Tekanyetso kabo e tshwanetse go thadiwa ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo kgotsa (a) Batho ba ba tshwanetseng mme ba neetswe maatla ke mokgatlho-tsamaiso wa sekolo.
b. seno se tshwanetse go neelwa kwa kopanong kakaretso ya ngwaga le ngwaga, gore e amogelwe e bile e rebolwe ke batsadi.
c. Kopano eno e tla tshwarwa magareng ga phukwi le ngwanatseele ngwaga le ngwaga.
d. Go tla nna le kgolagano e e bonalang sentle magareng ga tlhagiso ya tiro le tekanyetso kabo ya sekolo. Ditiro tsotlhe tsa sekolo di tshwanetse go golagana le maikaelelo a a fetang bongwe a tlhagiso ya tiro.
e. Tekenyetso kabo e tla thadiwa f fela maikaelelo a sekolo a ngwaga a setse a supilwe.
f. Makoko otlhe a a nang le kgatlhego, segolobogolo batsadi ba baithuti ba ba kwadisitsweng mo sekolong, ba tshwanetse go letlelelwa go sekaseka le ebile go tshikinya diphetogo mo tekanyetsokabong ya sekolo.
g. maikarabelo a taolo ya tekanyetsokabo a mo magetleng a mokgatlho-tsamaiso wa sekolo. Mo taolong ya letsatsi le letsatsi maikarabelo ano a sikarwa ke motlhankela wa matlotlo, mogokgo, tlhogo ya tiro le/kgotsa barutabana ba diphaposi.
h. Tekanyetso kabo e tla thadiwa go tsamaisana le maikemisetso a lefapha.
Koketso matlole
Sekolo se ya go amogela maano a a latelang go oketsa lotseno lo lo leng teng.
KOKETSO-MATLOLE
Koketso matlole mo malokong a sekolo
Gantsi koketso matlole e e lebisitsweng kwa malokong a sekolo e gogela metswedithuso ya ka bonako ya batsadi, barutabana le bana ba sekolo. Gantsi ke morero o o maikutlo-tlase o o tswelelang pele koo dipalo tse dinnye tsa madi di okediwang teng. Gantsi ga madi a le matsi a mantshwa a a tlhagisiwang ka tsela e e jaana, mme ka jalo maiteko a go oketsa motlole a akaretsa maloko a sekolo mo ditirong tse di jaaka go ja le go itumela, le gore batsadi ba amege. Sekao, bana ba botlhe batlhoka dijo le dino motshegare, fela fa e le gore ba direka kwa sekolong gose na le kwa supamaketeng, selo se a boelwa. Sephiri sa go atlega ga ditiro di le dintsi tsa koketsomatlole mo kgaolong e se bonolo thata. E ka nna gore ditiro di mosola kgotsa di gapa kgatlhego le mogopolo wa maloko a sekolo. Ka mantswe a mangwe di otla-otla mo ditorong le mo maikaelelong a batsayakarolo, kgotsa go tlamela batho ka tshono go tlhabologa le go agisana.
Bothata bo bo diregang kgabetsa kgabetsa ka koketso matlole mo malokong a sekolo ke gore e akaretsa mekgatlho e le mentsi, fela gantsi ga e oketse madi a le mantis. Malebana le barutabana ba bangwe le batsadi go bonala seno se tshwanela maiteko ao. Go tlaleletsa, madi a nyelela gantsi mo sekgwamaneng sa akhaonte ya sekolo mme e dirisiwa mo ditlhokegong tsa letsatsi le letsatsi, pele a ka dirisediwa lebaka le le neng le ikaebetswe. Le fa go le jalo mathata ano a ka fenngwa. Dikolo di le dintsi di fitlhetse e le gore koketso matlole e dira botoka fa din a le porojeke e e bonalang sentle e bile e ke bona katlego, pele ga f di ka rulaganya tiragalo ya koketsomatlole mo malokong a sekolo. Go mosola gape go supa motho a le mongwe yo o yang go rwala maikarabelo a palotlotlo e e siameng, mme madi a tshwanetse go dirisiwa mo projekeng eo ka bonako jo bo kgonegang. Ka tsela eo sekolo se ya go nna le maikutlo a katlego mme e bile dikgoboko di le dinnye tsa madi di ka ketekima jaaka katlego. Mofuta ono wa koketso matlole o santse o naya sekolo sebaka sa go tlhabolola ponelopele e e tlwaelegileng ya tokafatso ya sekolo. Jaaka ditiro di le dintsi di le ka bonako e bile di le bonolo go ka rulaganyega, di tlisa katlego ya ka bonako, mme e bile di dira gore batsayakarolo ba nne mafolofolo go gatela pele go dira mmogo malebana le go dira sentle ga sekolo.
Go dira gore dilo di gatele pele
Kgato 1Rulaganya diporojeke tse di kgonegang le tse di ka boning katlego malebana le phaposi e e okeletswang matlole
Kgato 2 Thal tekanyetso kabo le nako ya porojeke eo.
Kgato 3Dira ditshwetso
Ke kgato efe ya koketso matlole eo tla e tlhophang?
Ke bomang ba ba yang go amega?
O batla bokae kwa pele?
O ya go se dire leng?
Kgato 4Koketsomatlole
Kgato 5Dirisa madi mo porojekeng ka bonako jo bo kgonegang.
Kgato 6Keteka katlego ya gago
Kgato 7Maano a mangwe gape, dikakanyo? Ditiro?
KOKETSOMATLOLE MO MALOKONG A KGWEBO
Dikgwebo tse dingwe di fisegela go etleetsa dikolo jaaka karolo ya tsona ya manaane a maikarabelo a loago, fela dikolo di ka seke tsa thola di solofela go neelwa fela. Fa sekolo se batla thuso, se tshwanetse se bontshe gore se ipaakanyeditse go leka go ithusa pele.
Maiteko ano e ka nna ka mokgwa wa tiro, sk. Batsadi ba thusa ka go tlhokomela sekolo, gammogo le ka dikgato tse dingwe tsa koketso matlole. Dikgwebo ga se tsone fela metswedi e e kgonegang ya madi a dikolo, go ka nna ga iwa kwa go bone malebana le thuso ya dinonofo tse di riling, sekao, go thusa ka togamaano ya matlotlo.
Fa e le gore o kgonne go kokoanya matlole, netefatsa gore o kgona go busetsa sengwe go moetleetsi wagago goe le kgone go tlhama kgwebisano ya nnete. Fa o dira maiteko a go tsholetsa letlhakore la gago la kgwebisano, botsalano bo tla nna bo somarelegile mo isagong. Go ditsela di le dintsi tseo sekolo se ka neelang baetleetsi bas one ka teng:
Nta baetleetsi bag ago ba dirise didirisiwa tsa sekolo sag ago
Dira gore khwaere ya sekolo sag ago kgotsa setlhopha a gago sa metshameko se diragatse kwa ditirong tsa setlamo.
Bua le dikemedi tsa setlamo malebana le thuto le katiso.
Rebolela bathapiwa ba setlamo katiso ya kitso ya motheo le/kgotsa dipuo.
Atlanegisa baithuti ba bangwe malebana le go thapiwa mo setlamong.
Bua leina la motswedithuso o montshwa morago ga moabi, sk. Tikwatikwe ya bophasalatsi ya Shell.
Neela moabi sesupo se se kgatlhilweng (foreimilweng) sa tiro ya botaki ba baithuting.
Go na le ditsela di le dintsi tsa go legoga moabi, yo o tla mo tlhophang o tla ikaega mo seriting sa sekolo sag ago. Ga se dikgwebo tsotlhe tse di nang le kgatlhego mo go tlhameng kikgwebisano tse di tiileng le dikolo. Fa e le gore o neelwa fela kwa ntle ga tuelo mme batlhankela ba setlamo ba se ipaakanyetsa go neela sekolo lsa gago nako ya bona kgotsa dinonofo, boitlhomo ba setlamo bo tshwanetse go botsolodiwa.
Go dira kopo ya tshegetso ka matlole
Jaaka batshegetsi ba mtlole ba amogela makgokgolo a dikopo tsa tshegetso ka matlole ngwaga le ngwangwa mme ba kgona fela go araba di le mmalwa, tlhopha motshegetsi wa gago wa matlole ka tlhokomelo.
Go supa batshegetsi ka matlole
Batshegetsi ba matlole ba tlamela ka mefuta e e farologaneng ya thuso: matlole, thuso ya dilwana, batlhankela, tshedimosetso, ditirelo, katiso kgotsa thuso ya botegeniki.
Batshegetsi ka matlole ba ka dira fela mo dikgaolong tse di totobetseng tsa thutafetshe, kgotsa ba lebelela thata thuto e e riling (sk. Thuto ya mmetshe).
Bontsi ba batshegetsi ka matlole ban a le diforomo tsa bona tsa dikopo gammogo le ditsamaiso. Kopa diforomo kwa batshegetsing ba matlole.
Fa o dira dikopo tsa tlhokego e e tshwanang kwa batshetsing ba le mmalwa ba matlole, netefatsa gore o kwale seno mo tlhagisong ya gago.
Tlhomamisa gore ke nako e e siameng ya ngwaga ya go romelela tlhagiso ya gago.
Maikaelelo
O tshwanetse:
Go tlhalosa batho ba ba yang go ungwa go tswa mo prorjekeng eo;
Go neela palo ya batho ba b ayang go ungwa, ka tlhamalalo le ka tsela e e sa tlhamalalang, go tswa mo porojekeng;
Go baya maikaelelo mo lenaaneng go tswa mo bothateng bongwe le bongwe bo bo supilweng;
Go naya kakanyo ya nako ya porojeke eo.
Go tlhalosa gore o tla lekanya jang dipholo.
Ditsela
Mo karolong eno o tshwanetse go tlhalosa kgato ya gago ya maano. Baya mo lenaaneng ditiro mme o tlhalose gore banna-le seabe mo sekolong sag ago bay a go amega jang mo porojekeng. Neela dithutego tsa batlhankela ba ba amegang mo porojekeng. Supa gore ke kantlha ya eng fa o tlhopile mokgwa o o riling wa go sekaseka bothata. Neela maina a dikolo tse dingwe tse di mekamekaneng le mathata a a tshwanang le ano ka katlego.
O kopa madi. Ka jalo seno ke ntlha-kgolo ya tshikinyo ya gago. Bontsha gore oa batla mme e bile o balletse tekanyetsokabo ya nnete.
Tekanyetsokabo ga ea tshwanela go nna bokete ka megolo. E tshwanetse go bontsha kabo e e kwa godimo ya bajaboswa. Ka thaw lo ditekanyetsokabo di baakanngwa sebaka sa ngwaga, mme di tshwanetse go aroganngwa go ya ka "Lotseno" le "Ditshenyegelo."
Tshegetso
Batshegetsi ka matlole ba batla go itse gore sekolo sa gago se tla kgona go tsweletsa porojeke kwa ntle ga tshegetso e nngwe ya matlole. O ka nna wa kgona go tlhagisa matlole go tswa mo mading kgotsa ka thuso go mo malokong a sekolo. Sekao, o ka nna wa hirisa ntlolehalahala ya gago mo bokhutlong ba beke go dira ditiro tse di rileng, mme o tlhagise lotseno la go feleletsa tuelo ya kadimo. Ga go tlhokege gore o akaretse karolo ya tshegetso motshikinyong ya gago fa e le gore ke ntlhana e e diregang gangwe fela jaaka fotokhopi le khomputara. Le fa go le jalo, fa e le gore o oketsa matlole a mini-buse o tshwanetse go supa gore o ikaelela go lekanyetsa madi jang a go tlhokomela mini-buse. Fa e le gore porojeke ya gago e ka seke ya lekana ka boyone, (sekao, lenaane la phepo) tlhalosa mabaka o ba o dirise dipalopalo go bontsha gore ke kantlha ya eng.
Tshekatsheko
Tshekatsheko ya porojeke e tshwanetse go tlhomamisa gore sekolo sag ago se kgonne jang go bona katlago mo maikaelelong. Fa e le gore o na le maikaelelo a a bonalang sentle a a kgonang go ka lekanyediwa, jaanong tekanyo ya tshekatsheko ya gago e bonala sentle. Go tlhokega gore tshekatsheko ya gago e tlamele ka dikarabo mo dipotsong tse di latelang:
A maikaelelo a fitlheletswe?
Ke mangy o o yang go dira tshekatsheko?
Tshedimosetso e ya go tlhokega leng gore tshekatsheko e tsewe?
Ditatelano tsa pego ya matlotlo ya kgwedi le kgwedi
Lenaane-tekolo la kopano
Lotseno le ditshenyegelo tsa kgwedi le kgwedi le tsa ngwaga le ngwaga go fitlha ga jaana;
Tshwantshanyo ya kanego ya lotseno le ditshenyegelo le dikgoboko tse di lekanyeditsweng gammogo le molokololo wa phapaano nngwe le nngwe;
Lotseno le le lebeletsweng le ditshenyegelo tsa ngwaga;
Palogotlhe ya madi a a saletseng kwa morago;
Kemo ya diporojeke tse tsotlhe (tse dikgolo le tse dinnye ka bobedi); le
Dintlha tsa madi a a mo banking gammogo le matlole a a beeleditsweng.
Kgwedi: Ngwaga:
Kanego ya ditshenyegelo tsa kgwedi le tsa ngwaga go fitlha ga jaana.
Ntlhana
Ditshenyegelo tsa kgwedi
Tekanyetso kabo ya kgwedi
Phapaano ya kgwedi
Ditshenyegelo tsa ngwaga go fitlha ga jaana
Tekanyetsokabo ya ngwanga go fitlha ga jaana
Phapaano ya ngwaga go fitlha ga jaana
Tshwaelo mo phapaanong
Lotseno lo lo fopho lediwang tsa ngwaga
Ditshenyegelo tse di fopholediwang tsa ngwaga
Phapaano e e fopholediwang ya ngwaga
Palogotlhe ya madi a a saletseng kwa morago;
Molokololo wa badiramelato le melato e e kolotiwang sekolo;
Modira-molato
Molato
Tshwaelo
Sekolo sa poraemari sa Vela Langa ke sekolo se sennye kwa pabalello gaufi le Upington .Jaaka bontsi ba dikolo mo kgaolong eo, sedirela morafe oo dikolo di magetleng. Batsadi gab a tseye karolo thata mo botshelong ba sekolo, mme ba solofela barutabana go ba tlhokomelela bana. Go santse gape go na le dikgwetlho tse dingwe. Sekao, go thuta go ruta mo pakeng ya selemo, fa gantsi ditemperatshara di le magareng ga somaamararo le somaamane.
Nako ya fa Rre Hlom a simolola porojeke ya gagwe ya koketso matlole mo sekolong, o ne a na le maikaelelo a le mabedi a a bonalang sentle motlhaloganyong. O ne a batla go ruta bana ba gagwe ba kereiti ya bo 7 dinonofo tsa palotlotlo ya motheo mme e bile o ne a batla go reka difoki go tshola phaposi ya gagwe e le tsiditsana selemo. O ne a simolola ka maikaelelo a gagwe a ntlha mme a simolola go ruta bana ba gagwe dinonofo tsa palotlotlo. O ne jaanong a kopa bana botlhe go kokoanya mabotlolo a a lolea a dibiri kgotsa dinotsididi sebaka sa beke yotlhe, mme e rile ka Mosupologo mo mosong ba simolola go dirisa dinonofo tsa bona tse dintshwa mme ba kwala fa fatshe gore ke mabotlolo a le makae a a tlisitsweng, mme ba kwala fa fatshe gore ke mabotlolo a le makae a a tlisitsweng, mme e bile ke madi a a kanakang a a tlileng go beelediwa momabotlolong ao. Moragonyana rre Hlom o ne a busetsa mabotlolo kwe lebenkeleng, a bona madi a peeletso mme a ba a buisana le bana ba gagwe, goe ba ka dirisa jang "madi a tshimologo" a bona go tlhagisa matlole a mangwe.
Phaposi e ne ya swetsa go dirisa madi go reka ditswaki tsa dikuku le go rekisa dimonamone kwa sekolong. Le gona foo bana ba kwadile fa fatshe lotseno le ditshenyegelo mo dibukeng tsa bona tsa palotlotlo mme ba bo ba simolola go rulaganya thekiso. Thekiso e bone katlego e kgolo mme poelo ya bona ya oketsega. Bana bane ba swetsa go boeletsa ditiro tseo makgetlo a le mmalwa. Jaaka porojeke e ntse e gola,
Phaposi e neetse batho ba ba farologaneng ditiro tse di farologaneng. Mosupologo mongwe le mongwe bana ba bangwe ba ne ba kokoanya, ba kwala fa fatshe le go ballela lotseno go tswa mo mabotlolong a dibiri, fa ba bangwe ba mekamekana le dithekiso tsa ditswaki, dikuku le dimonamone. Setlhopha se sennye se kopilwe go batlisisa ka tlhwatlhwa ya difoki tsa sileng le go rulanya tekanyetso kabo ya go reka difoki tse di lekaneng go tshola phaposi e le tsiditsana.
Fa re nagana kwa morago kwa porojekeng rre Hlom o tlhagisa mabaka a a dirileng gore e bone katlego: "Bana ba bontshitse boitlamo. Ban e ka nnete ba ipatlela difoki tsa mo sileng, mme ban e ba itse sentle gore ba tshwanetse gore ba dire eng go fitlha koo. Ga go opeyo o kopilweng go neela sengwe se a sa se tsholong. Ka go kokoanya mabotlolo, re dirisitse se re neng re na le sona go retswela masola. Re fetogile go tswa mo go nneng bakopi ba ba itsholelang go ya go batho ba ba arogantseng toro. Seo se dirile gore bana ba botlhe ba ikutlwe ba gololo segile mme ba tlala mafolofolo. Palotlotlo le yone e ne e itumedisa. Ka dinako tsotlhe bana ban e ba bala madi a bone mme ban e ba kgona go bona gore batokafala jang! Nna ka bonna, ke dumela ka nnete gore go ne go le botlhokwa gore go lebelelwe porojeke go na le madi. Ke kgonnego bona ka moo palotlotlo e tsentseng tlhaloganyo ka bonako mo go bone ka teng. Ke kgonne go bona ka moo ba simolotseng ka teng mme ba dira jaaka setlhopha. Bana ba ne ba tokafala ka dinako tsotlhe. Dilo tsotlhe tseo di intumedisitse jaaka morutabana. Ke ka moo ke sekileng ka tshwenyega ka tiro yotlhe e e oketsegileng."
Tlhagiso 6.6.3
BAABI BA BANGWE
Go fitlha ga jaana re kgonne go batla baabi ba ba solofeditseng pente e e lekaneng diphaposi tsotlhe, fela ga re akaretsa paakanyo ya matlhabaphefo.
TSAMAISO YA PALOTLOTLO
Re ya go tlamela ka pego e e nang le dintlha ka botlalo gore madi a dirisitswe jang, mme e bile re ya go go laletsa go tla mo sekolong fa matlhabaphefo a baakantswe, gore o tle o bone gore go diregile eng ka madi a gago.
NAKO
Re solofela go simolola ka porojeke mo kgwedi ya Mopitlwe mme re e konosetse mo kgweding ya Motsheganong, 1998, fela pele ga mariga.
KGATO YA TOGAMAANO
Thekiso ya dilwana: Barutabana ba kokoanya dilwana tse di sa batlegeng go tswa mo diphaposing tsotlhe. Thekiso e yha go tshwarwa ka kgwedi ya Mopitlwe e tlhola malatsi a le 19. Mo letsatsing leo go tla be go na le ditafolenyana tsa dijo tse di tla beng di rulagantswe ke batsadi, tseo di tshwanetseng go dira madi a a kana ka R500 kgotsa R600. Re solofela go dira R900 go tswa mo dilwaneng tseo.
Mmino wa sekolo: BAna ba kereiti ya 7 ba rulaganya seno le barutabana ba bona go direga moranang a tlhola 10. Go ya go nna le madi a tseno a R5, mme dikuku le dinotsididi di ya go rekisiwa ke batsadi. Re solofela go dira R500 maitsiboeng ano. Mmino o ya go tlamelwa ntle le tuelo ke okese/bente e e tsamaisiwang ke mongwe wa basimane kereiti ya bo 4.
Matlhaba-phefo: Batsadi le barutabana bay a go kgomolo matlhaba phefo a a thubegileng mme ba bob a feela digalase ka Moranong a tlhola 24.
Re ka anaanela fa galase e ka tse nngwa go sale gale mo kgweding ya Motsheganong, goe poti e kgone go oma mme matlhabaphefo a pentiwe pela ga bokhutlo by Motsheganong.
TSE DI AKAREDITSWENG
Ka kopo lebelela ditlhwatlhwa di le tharo go tswa kwa ditlamong tsa digalase, gammogo le lekwala la tshegetso go tswa go mogokgo, Sr. Avila.
Paka ee fetogang - Faele-tsweletso ya Karolo ya A: Molaotheo Tsebe ya
